Tswana 1992 Bible - 17 verses
1Modimo wa me nkgolola mo babeng ba me; o mpeye kwa godimo, ke tswe mo go ba ba ntsogologelang.
2Nkgolola mo badiring ba boikepo, o bo o mpoloke mo bathong ba ba ratang go tsholola madi.
3Gonne bona, ba laletse mowa wa me; ba ba thatathata ba a mphuthegela, e seng ka ntlha ya tlolo ya me, le fa e le ka ntlha ya boleo jwa me, Jehofa.
4Ba tle ba siane, ba iketleetse kwa ntle ga molato wa me; tsogela go nthusa, mme o bone.
5E bong wena, Jehofa, Modimo wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, a ko o tsogele go ya go lekola merafe yotlhe; o se ka wa utlwela batlodi bape ba ba ikepang botlhoko. Sela.
6Ba tle ba boe ka maabanyane, ba kue jaaka ntša, ba potologe motse.
7Bona, ba tle ba kgobole ka legano la bone; ditšhaka di mo dipounameng tsa bone, ka ba tle ba re: “Go utlwa mang?”
8Mme wena Jehofa o tlaa ba tshega; o tlaa sotla ka merafe yotlhe.
9Ao, thata ya me, ke tlaa lebelela mo go wena; gonne Modimo ke kago ya me e e godileng ya phemelo.
10Modimo wa boutlwelobotlhoko jwa me o tlaa ntlela pele; Modimo o tlaa mma ke bona keletso ya me mo babeng ba me.
11O se ka wa ba bolaya, e tlaa re gongwe batho ba me ba lebale; ba falatse ka thata ya gago, o ba folose, Jehofa thebe ya rona.
12Ka ntlha ya boleo jwa molomo wa bone, le mafoko a dipounama tsa bone, a ba tshwarwe fela mo bopelompeng jwa bone, le ka ntlha ya go hutsakanya le go aka mo ba go buang.
13Ba nyeletse mo bogaleng jo bogolo, o ba nyeletse gore ba tle ba se ka ba tlhola ba le gone; mme a ba itse fa Modimo o laola mo go Jakobe, go ya kwa dikhutlong tsa lefatshe. Sela.
14Mme a e re ka maabanyane ba bo ba kue jaaka ntša, ba potologe motse.
15Ba tlaa kailakaila go batla dijo, ba tlaa lala ba diegile bosigo jotlhe fa ba sa bone go kgora.
16Mme nna, ke tlaa opela ka ga thata ya gago; ee, mo mosong ke tlaa dudueletsa godimo ka ga boutlwelobotlhoko jwa gago, ka gobo o ntse o le kago ya me e e godileng ya phemelo, le botshabelo mo letsatsing la pitlagano ya me.
17Wena, Thata ya me, ke tlaa go opelela dipako, ka gobo Modimo ke kago ya me e e godileng ya phemelo, Modimo wa boutlwelobotlhoko jwa me.