Tswana 1992 Bible - 8 verses
1Utlwa go goa ga me, Modimo; ela morapelo wa me tlhoko.
2Ke tlaa tlhaeleletsa koo go wena ke le kwa bokhutlong jwa lefatshe, mogang pelo ya me e phikanngwang ke bohutsana, nkgogela kwa lefikeng le le godimo bogolo go nna.
3Gonne o ntse o le botshabelo jwa me, kago e e thata ya phemelo fa go tshajwa mmaba.
4Ke tlaa aga mo motlaaganeng wa gago ka bosakhutleng; ke tlaa tshebela mo sekhukhung sa diphuka tsa gago. Sela.
5Gonne wena Modimo, o utlwile maikano a me; o nneile go tlhakanela boswa le ba ba boifang leina la gago.
6O tlaa lelefatsa botshelo jwa kgosi; dinyaga tsa yone di tlaa nna jaaka ekete ke tsa ditshika di le dintsi.
7E tlaa nna fa pele ga Modimo ka bosakhutleng; a ko o etleetse bopelonomi jwa lorato, gore bo e boloke, le boammaaruri.
8Jalo ke tlaa opelela leina la gago dipako ka bosakhutleng, gore ke nne ke diratse maikano a me ka malatsi otlhe.