Tswana 1992 Bible - 12 verses
1Mowa wa me o lebeletse fela mo Modimong; poloko ya me e tswa mo go one.
2Ke one osi o e leng lefika la me, le poloko ya me; ke one kago ya me e e godileng ya phemelo; ga nketla ke tshikinyega thata.
3Lo tlaa nna lo gagaotla motho goleele go le kaye, gore lo tle lo mmolae, lotlhe, jaaka lomota lo lo obameng, le jaaka logora lo lo reketlang?
4Ba gakololana fela go mo diga mo tlotlomalong ya gagwe; ba natefelwa ke maaka; ka molomo ba a segofatsa, mme mo teng ba hutsake fela. Sela.
5Mowa wa me, wena o lebelele mo Modimong fela; gonne tebelelo ya me e mo go one fela.
6Ke one osi lefika la me, le poloko ya me; ke one kago ya me e e godileng ya phemelo; ga nketla ke tshikinyega.
7Poloko ya me le kgalalelo ya me di na le Modimo; lefika la thata ya me le mo Modimong, le botshabelo jwa me.
8Lona batho, ikanyeng mo go one ka metlha yotlhe; tshololang dipelo tsa lona fa pele ga one; Modimo ke botshabelo jwa rona. Sela.
9Ruri ba e leng batho fela ke lefela, le batho ba e leng bagolwane ke maaka; mo selekanyong sa pego ba tlaa ya kwa godimo; fa ba le mmogo ba motlhofo bogolo go tsa lefela.
10Lo se ka lwa ikanya patiko, lo bo lo se ka lwa thetha ka bogodu; e re fa mahumo a tota, lo se ka lwa tlhoma pelo tsa lona mo go one.
11Modimo o buile gangwe fela, mo ke go utlwile gabedi; gore thata ke ya Modimo;
12le gone, Morena, sa gago ke boutlwelobotlhoko, ka gobo o naya motho mongwe le mongwe ka fa tirong ya gagwe.