Tswana 1992 Bible - 10 verses
1Utlwa lentswe la me, Modimo, mo boitokong jwa me; dibela botshelo jwa me mo go boifeng mmaba.
2Ntshubela kgakololo ya mo sephiring ya badira bosula; mo pheretlhong ya badiri ba boikepo;
3ba ba looditseng loleme lwa bone jaaka tΕ‘haka, ba kaile metswi ya bone e e leng mafoko a a galakang;
4gore e tle e re ba le mo maipobong ba hule yo o itekanetseng; ba mo hule ka tshoganetso, mme ba sa boife.
5Ba itlhoafatsa mo boikaelelong jo bo bosula; ba bue mmogo ka ga go baya diru ka boiphitlho, ba re: βE mang yo o tlaa di bonang?β
6Ba tle ba tlhotlhomise maikepo, ba re: βRe sweditse tatelelo gotlhe, ka boitshoko.β Mme mogopolo o o kwa teng wa mongwe le mongwe o boteng, le yone pelo.
7Modimo o tlaa ba hula; ba tlaa kwenesiwa ka tshoganetso ka motswi.
8Jalo ba tlaa kgokgoediwa, loleme lwa bone ka bosi lo ntse lo ba nyatsa; botlhe ba ba ba bonang ba tlaa ribaribetsa ka ditlhogo.
9Batho botlhe ba tlaa boifa; mme ba tlaa bolelo tiro ya Modimo, le go dira ga one ba tlaa go akanya ka botlhale.
10Basiami ba tlaa itumela mo go Jehofa, ba tlaa ikanya mo go ene; botlhe ba ba pelo e e thokgameng ba tlaa ja koma.