Tswana 1992 Bible - 13 verses
1Modimo, pako e go lebeletse mo Sione; ke wena yo ikano o tlaa e direlwang.
2Wena yo o utlwang thapelo, nama yotlhe e tlaa tla kwa go wena.
3Maikepo a a mphenya; ka ga ditlolo tsa rona, wena o tlaa di tlhapisa o di tolosa.
4Go sego motho yo o mo itshenkelang, wa mo ikatametsa gore a age mo malwapeng a gago; re tlaa kgora molemo wa ntlo ya gago, e bong felo ga boitshepo ga tempele ya gago.
5O tlaa re araba mo tshiamong ka dilo tse di boitshegang, Modimo wa poloko ya rona; yo o leng boikanyo jwa dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe le jwa ba ba kwa kgakala mo lewatleng;
6o o tiisang dithaba ka thata ya one; ka o itlamile ka nonofo;
7o o didimatsang go suma ga mawatle, go suma ga makhubu a one, le pheretlhego ya ditšhaba.
8Le ba ba agileng kwa mafatsheng a a kwa ntlentle ba tle ba tshoge ka ditshupo tsa gago; o itumedisa matso a moso le a maabanyane.
9O a tle o lekole lefatshe, mme o le nose, o le humise thata; noka ya Modimo e tletse metsi; o a re o sena go baakanya lefatshe, jalo, o tle o ba etleeleletse mabele.
10O a tle o nose malepe a lone thata; o papane ditemana tsa lone; o le ngodise ka medupe; o segofatse go tlhoga ga lone.
11O a tle o rwese ngwaga tlhogo ka molemo wa gago; ditsela tsa gago di rothe monono.
12Di rothele mo mafulong a naga; mme dithotana di tlamiwe ka boitumelo.
13Mafulo a apesiwe matsomane; mekgatšha e khurumediwe ka mabele; e goe ka boitumelo, e be e opele.