Tswana 1992 Bible - 36 verses
1Mpoloka Modimo, gonne metsi a tseneletse mowa wa me.
2Ke roromela mo morageng o o boteng, kwa go se nang boemo; ke fitlhile mo metsing a a boteng, kwa merwalela e nkhurumetsang gone.
3Ke lapisitswe ke go lela ga me; memetso ya me e phaphaletse; matlho a me a tlhaela ka ke lebeletse Modimo wa me.
4Ba ba ntlhoileng ka bomo fela ba bantsi bogolo go meriri ya tlhogo ya me; ba ba ratang ba kabo ba nkgaola, e le baba ba me ka go sa siamang, ba thata thata; gone foo, ka rebola se ke sa se tsayang.
5Modimo o a bo itse boeleele jwa me; le maleo a me ga a go subegela.
6Ba ba go lebeletseng a ba se tlhajwe ke ditlhong ka nna, Jehofa, Modimo wa masomosomo; ba ba go batlang a ba se tlisiwe mo tlotlologong ka nna, Modimo wa Iseraele.
7Gonne ke bogisegile kgobo ka ntlha ya gago; ditlhong di bipile sefatlhogo sa me.
8Ke ntse moeng mo go bomorwa rre; ke motho o sele mo baneng ba ga mme.
9Gonne tlhoafalelo ya ntlo ya gago e njele; e bile dikgobo tsa ba ba go kgobang di wetse mo go nna.
10E rile ke lela ke otlhaya mowa wa me ka go ikitsa go ja, ya nna kgobo mo go nna.
11E rile ke dira letsela la kgetse go nna seaparo sa me, ka tloga ka tswa seane mo go bone.
12Ba ba tleng ba dule fa kgorong ba bua ka ga me; ke bile ke pina ya matagwa.
13Ka ga me, morapelo wa me o koo go wena, Jehofa, mo motlheng o o lebosegang; Modimo, mo bontsing jwa boutlwelobotlhoko jwa gago, o nkarabe mo boammaaruring jwa poloka ya gago.
14Ntshwatola mo morageng, mme o se ka wa ntesa ka roromela; a ke gololwe mo go ba ba ntlhoileng, mme ke tswe mo metsing a a boteng.
15A morwalela wa metsi o se mphikame; le gone a bodiba jo bo botengteng bo se ka jwa nkometsa, mme molete o se ntswalele molomo ke le mo teng.
16Nkaraba, Jehofa, ka gobo bopelonomi jwa gago jwa lorato bo molemo, ka fa bontsing jwa mapelonolo a manana a gago, retologela kwa go nna.
17O se ka wa subela motlhanka wa gago sefatlhogo sa gago; gonne ke mo pitlaganong; nkaraba ka bonako.
18Atamela mowa wa me, o o golole; nthekolola ka ntlha ya baba ba me.
19Kgobo ya me o a e itse, le ditlhong tsa me, le tlotlologo ya me; baganetsi ba me botlhe fela ba fa pele ga gago.
20Kgobo e phatlotse pelo ya me; ke imelesegile pelo, ka senka bangwe ba ba ka tlhomogang pelo; mme go ne go se na ope; le bagomotsi, mme ka se ka ka bona ope.
21Ba bile ba nnaya santlhokwe go nna sejo sa me; le mo go nyorweng ga me ba nnaya bojalwa jo bo botΕ‘arara go bo nwa.
22A lomati lwa bojelo lwa bone lo tswe serai fa pele ga bone; a e re ba le mo kagisong, lo tle lo nne seru fela.
23A matlho a bone a fifale gore ba se bone; o bo o roromise ditheka tsa bone ka metlha yotlhe.
24Ba goromeletse bogale jwa gago, mme a kgakalo ya bogale jwa gago e ba tshware.
25A boago jwa bone bo nne tshwafalo fela; a go se age ope mo megopeng ya bone.
26Gonne ba bogisa ene yo o mo iteileng; ba bolele bohutsana jwa ba o ba kwenesitseng.
27Oketsa boikepo jwa bone ka boikepo, mme ba se tle mo tshiamong ya gago.
28A ba phimolwe mo lokwalong lwa botshelo, ba se ka ba kwalwa le basiami.
29Nna ke lehuma fela, le bohutsana fela; a poloka ya gago Modimo e mpeye kwa godimo.
30Ke tlaa baka leina la Modimo ka sefela; ke tlaa o goletsa ka go ntsha malebogo.
31Go tlaa kgatlha Jehofa bogolo go kgomo, le fa e le pholo e e nang le dinaka le ditlhako.
32Bapelonomi ba go bonye, mme ba itumela; lona ba lo senkang Modimo, a pelo tsa lona di tshele.
33Gonne Jehofa o utlwa batlhoki, o bile a sa nyatse bagolegwi ba gagwe.
34A legodimo le mmake le lefatshe, le mawatle, le tsotlhe tse di bukunyang mo go one.
35Gonne Modimo o tlaa boloka Sione, o tlaa aga metse ya Juta; mme ba tlaa nna gone, ba tlaa nna nayo e le boswa jwa bone.
36Losika lwa batlhanka ba one le lone lo tlaa go rua; le ba ba ratang leina la one ba tlaa aga gone.