Tswana 1992 Bible - 35 verses
1A Modimo o nanoge; a baba ba one ba faladiwe; le ba ba o ilang ba tshabe fa pele ga one.
2Jaaka mosi o tle o figitlhediwe, ba figitlhetse jalo; jaaka makgaga a tle a tlhapologe fa pele ga molelo, a baikepi ba nyelele jalo ka sebonalo sa Modimo.
3Mme a basiami ba itumele; ba kgane ka boitumelo fa pele ga Modimo; ee, a ba itumele ka boipelo.
4Opelelang Modimo, opelelang leina la one dipako; o o ralalang dipoa tsa naga o pagame, lo o direle tsela ya mheru; leina la one ke JAH; lo bo lo kgane ka boitumelo fa pele ga one.
5Modimo ke rramasiela, le moatlholedi wa basadi ba batlholagadi mo boagong jwa one jo bo boitshepo.
6Ba ba lore, Modimo o tle o ba dire motse; bagolegwi o ba ntshetse go kokotlegela; mme batsuolodi bone, ba agile mo lefatsheng la lokgere.
7Modimo, e rile o bolola fa pele ga batho ba gago, e rile o ralala naga ka kgagamalo, Sela;
8lefatshe la roroma, magodimo le one a rotha ka sebonalo sa Modimo; le e leng Sinai yole, a roroma ka sebonalo sa Modimo, Modimo wa Iseraele.
9Wena, Modimo, wa nesa pula e kgolo, wa rakalatsa ba boswa jwa gago jale ka ba ne ba ngodiegile.
10Phuthego ya gago ya aga gone; wena Modimo, wa etleeletsa bahumanegi ka se se tswang mo molemong wa gago.
11âJehofa o tle a ntshe lefoko, basadi ba ba itsiseng batho mafoko ba nne bontsi jo bogolo.
12Dikgosi tsa dintwa di tshabe; di tshabe, mme mosadi yo o salang mo gae a abe thopo.
13Le fa lo lala mo marakaneng a dinku, go bo go ntse jaaka diphuka tsa lephoi tse di apesitsweng selefera, le dintlha tsa tsone ka gouta e tshetlha.
14E rile Mothatayotlhe a gasanya dikgosi gone, ga nna jaaka fa kapoko e na mo Salemone.
15A thaba ya Modimo, thaba ya Bašane! A thaba e e godileng thaba ya Bašane!
16Lona dithaba tse di godileng, lo dilolelang thaba e Modimo o e eleditseng gore e nne boago jwa one? Ee, Jehofa o tlaa aga mo go yone ka bosakhutleng.
17Dikara tsa Modimo di le dikete di le masome mabedi, e bong dikete tse di tlhatlaganyeng le dikete; Morena o mo go tsone, jaaka mo Sinai, mo felong ga boitshepo.
18O tlhatlogetse kwa godimo, o gogile botshwaro jwa gago bo tshwerwe; o amogetse dineo mo bathong, ee, le mo go bone ba e leng batsuolodi, gore Jehofa Modimo a tle a age nabo.
19A go bakwe Morena yo o rwalang merwalo ya rona ka malatsi, e bong Modimo o e leng poloka ya rona. Sela.
20Mo go rona Modimo ke Modimo wa dikgololo; mme diphalodiso mo losong ke tse e leng tsa Morena, Modimo wa rona.
21Modimo o tlaa arola tlhogo ya baba ba one, e bong segata se se moriri sa yo o sa ntseng a tswelela mo melatong ya gagwe.
22Morena o rile; Ke tlaa ba ke ba tlisa gape go tswa kwa Bašane, ke tlaa ba tlisa gape go tswa matenyeng a lewatle;
23gore o tle o ine lonao lwa gago mo mading, gore diteme tsa dintÅ¡ha tsa gago di bone seabe sa tsone se se tswang babeng ba gago.â
24Ba bonye ditsamao tsa gago Modimo, e bong ditsamao tsa Modimo wa me, Kgosi ya me, di tsena mo felong ga boitshepo.
25Baopedi ba ne ba etelela pele, ba ba letsang diletso ba ba sala morago, ba tsentswe gare ke barweetsana ba ba letsang meropana.
26Bakang Modimo mo diphuthegong, e bong Morena, lona ba lo leng ba motswedi wa Iseraele.
27Yole ke Benjamine yo mmotlana, mmusi wa bone, dikgosana tsa Juta di na le lekoko la tsone, dikgosana tsa Sebulune, dikgosana tsa Nafetali.
28Modimo wa gago o laotse thata ya gago; Modimo, a ko o thatafatse sone se o se re diretseng.
29Ka ntlha ya tempele ya gago e e kwa Jerusalema, dikgosi di tlaa tlisa dineo kwa go wena.
30Kgalemela sebatana sa lotlhaka, bontsi jwa dipoo, di na le dinamane tsa ditšhaba; ba ne ba tle ba ineele ka dipapetlana tsa diselefera; o faladitse ditšhaba tse di natefelwang ke ntwa.
31Dikgosana di tlaa tswa kwa Egepeto; lefatshe la Ethopia le tlaa akofa le otlololela Modimo mabogo a lone.
32Opelelang Modimo, lona magosi a lefatshe; a ko lo opeleleng Morena dipako, Sela;
33e bong ene yo o pagameng magodimo a magodimo, a a sa leng a leo bogologolo; utlwang, o ntsha lentswe la one, mme e be e le lentswe le le thata thata.
34A lo ko lo re: Thata ke ya Modimo; tlotlomalo ya one e okame Iseraele, thata ya one e kwa magodimong.
35Modimo o a boitshega o le mo mafelong a gago a a boitshepo; Modimo wa Iseraele one, o naya batho ba one thata le nonofo. A go bakwe Modimo.