Tswana 1992 Bible - 24 verses
1Jehofa, ke ikantse mo go wena, a ke se tlhajwe ke ditlhong gope.
2Nkgolola ka tshiamo ya gago, me o mphalodise; ntshekegela tsebe ya gago, o mpoloke.
3O nne lefika la me la boago, le ke ka nnang ka ya mo go lone ka gale; o ntshitse taolo ya gore ke bolokwe; gonne o lefika la me, le kago ya me ya phemelo.
4Mphalodisa, Modimo wa me, mo seatleng sa moikepi, mo seatleng sa mosiamolodi yo o bolalome.
5Gonne o tsholofelo ya me, Jehofa, Modimo; o sa le o nna boikanyo jwa me le mo bokaung jwa me.
6O sa le o nkokotletsa ke sa tswa sebopelong; ke wena yo o nntshitseng mo maleng a ga mme; pako ya me e tlaa nna ka ga gago ka gale.
7Ke ntse jaaka segakgamatso mo bathong ba le bantsi; mme wena o botshabelo jwa me jo bo thata.
8Molomo wa me o tlaa tlala pako ya gago, le tlotlo ya gago ka letsatsi lotlhe.
9Se ntatlhe mo motlheng wa botsofe; se ntlogele mogang thata ya me e felang.
10Gonne baba ba me ba bua ka ga me; le ba ba lalelang mowa wa me ba a gakololana.
11Ba re: “Modimo o mo tlogetse, mo lateleleng, lo mo tshware; gonne ga go na ope yo o ka gololang.”
12Ao Modimo! Se nne kgakala le nna; ao, Modimo wa me! Akofela go nthusa.
13Bone ba e leng baganetsi ba mowa wa me, a ba tlhajwe ke ditlhong ba nyelediwe; ba ba batlang gore ke utlwe botlhoko a ba bipiwe ka kgobo le tlotlologo.
14Nna ke tlaa nna ke solofela fela ka gale, ke tlaa fela ke ntse ke go baka bogolo bogolo.
15Molomo wa me o tlaa bolela ka ga tshiamo ya gago, le ka ga poloka ya gago ka letsatsi lotlhe; gonne ga ke itse palo ya tsone.
16Ke tlaa tla le ditiro tsa nonofo, tsa ga Jehofa, Modimo; ke tlaa umaka tshiamo ya gago, e e leng ya gago yosi.
17Modimo o sa le wa nna wa nthuta le mo bokaung jwa me, ke ntse ke bolela ditiro tsa gago tse di gakgamatsang, nako e sa le eno.
18Ee, le gone, e tlaa re ke tsofetse ke thuntse tlhogo, Modimo, o se ka wa ntlogela; go bo go tle go tsamaye ke bolelele kokomana e e tlang thata ya gago, le nonofo ya gago ke e bolelele mongwe le mongwe yo o tlaa tlang.
19Tshiamo ya gago, Modimo, le yone e godimo thata; wena Modimo yo o dirileng dilo tse dikgolo, yo o tshwanang nao ya bo e le mang?
20Wena yo o re bontshitseng ditlalelo di le dintsi le tse di botlhoko, o tlaa ba o re rudisa gape, mme o tlaa ba o re kwetola gape o re ntsha kwa matenyeng a lefatshe.
21Totisa bogolo jwa me, o bo o retologe gape, o nkgomotse.
22Le gone, ke tlaa go baka ka saletare, e bong boammaaruri jwa gago, Modimo wa me; ke tlaa go opelela ka harepe, wena Moitshepi wa Iseraele.
23Dipounama tsa me di tlaa itumela thata mogang ke go opelelang dipako; le mowa wa me o o o rekolotseng.
24Loleme lwa me le lone lo tlaa bua ka ga tshiamo ya gago ka letsatsi lotlhe; gonne ba tlhabilwe ke ditlhong, gonne ba sosobagantswe, ba ba batlang gore ke utlwe botlhoko.