Tswana 1992 Bible - 20 verses
1Naya kgosi dikatloholo tsa gago Modimo, le morwa kgosi o mo neye tshiamo ya gago.
2O tlaa atlhola batho ba gago ka tshiamo, le bahumanegi ba gago ka tshekatsheko.
3Dithaba di tlaa leretse batho kagiso, le dithabana, mo tshiamong.
4O tlaa atlhola bahumanegi ba batho, bana ba batlhoki o tlaa ba boloka, mme mopatiki o tlaa mo phatlakanya.
5Ba tlaa nna ba go boifa ka letsatsi le sa leyo, le kgwedi e sa leyo, mo ditshikatshikeng.
6O tlaa na jaaka pula e e nang bojang jo bo segilweng, jaaka medupe e e nosang lefatshe.
7Mo metlheng ya gagwe basiami ba tlaa thama; go tlaa nna letlotlo la kagiso, go tle go tsamaye kgwedi e tlhokafalele ruri.
8O bile o tlaa nna le puso go tswa lewatleng go ya lewatleng, le go tswa Nokeng go ya dikhutlong tsa lefatshe.
9Ba ba agileng mo dinageng ba tlaa obama fa pele ga gagwe; le baba ba gagwe ba tlaa latswa lorole.
10Dikgosi tsa TareΕ‘iΕ‘e le tsa ditlhake di tlaa tlisa dimpho; dikgosi tsa Sheba le Seba di tlaa isa dineo.
11Ee, dikgosi tsotlhe di tlaa wela fa pele ga gagwe; merafe yotlhe e tlaa mo direla.
12Gonne o tlaa golola motlhoki mogang o lelang; le mohumanegi yo o se nang mothusi.
13O tlaa tlhomogela bahumanegi le batlhoki pelo; mme mewa ya batlhoki o tlaa e boloka.
14O tlaa golola mewa ya bone mo pogisong le mo thubakong; mme madi a bone a tlaa tlotlega mo matlhong a gagwe;
15mme ba tlaa tshela; ene o tlaa newa gouta ya Sheba; batho ba tlaa nna ba mo rapelela ka gale; ba tlaa mmaka ka letsatsi lotlhe.
16Go tlaa nna letlotlo la mabele mo lefatsheng, mo ditlhoeng tsa dithaba; loungo lwa one lo tlaa ebelega jaaka Lebanone; mme ba e leng ba motse ba tlaa kgaba jaaka bojang jwa lefatshe.
17Leina la gagwe le tlaa emela ruri ka bosakhutleng; leina la gagwe le tlaa nna le isiwa kwa pele ka letsatsi le sa leyo; batho ba tlaa segofala mo go ene; merafe yotlhe e tlaa mmitsa mosegofadiwa.
18A go bakwe Jehofa Modimo, Modimo wa Iseraele, yo o dirang dikgakgamatso a le esi;
19a go bakwe leina la gagwe le le galalelang ka bosakhutleng; mme a lefatshe lotlhe le tlale kgalalelo ya gagwe. A go nne jalo, fela jalo.
20Merapelo ya ga Dafite Morwa Jese e khutlile.