Tswana 1992 Bible - 10 verses
1Re go ntshetsa malebogo Modimo; re a leboga, gonne leina la gago le le gaufi; batho ba bolela ditiro tsa gago tse di gakgamatsang.
2Ke tlaa re ke bona lobaka lo lo tlhomilweng, ke atlhole ka thokgamo.
3Lefatshe le tlhapologile le banni botlhe ba lone; ke emisitse maotwana a lone. Sela.
4Ke reile baikokomatsi ka re: “Se direng ka boikokomatso;” le baikepi ka re: “Se tsholetseng lonaka.
5Se tsholeletseng lonaka lwa lona kwa godimo; se bueng ka thamo e e tlhamaletseng.”
6Gonne go tsholetsega ga go tswe kwa botlhabatsatsi le fa e le kwa bophirimatsatsi, le fa e le kwa borwa.
7Moatlhodi ke Modimo; o isa mongwe tlase, mme o tsholetse yo mongwe.
8Gonne mo seatleng sa ga Jehofa go na le phafana, mme bojalwa jwa mofine bo a huhula; e tletse mo go tlhakantsweng; mme o tshela ga yone eo; ruri magorogoro a yone baikepi botlhe ba lefatshe ba tlaa a gopisa ba a nwa.
9Mme nna ke tlaa nna ke bolela ka bosakhutleng; ke tlaa nna ke opelela Modimo wa ga Jakobe dipako.
10Dinaka tsotlhe tsa baikepi le tsone ke tlaa di kgaola; mme dinaka tsa basiami di tlaa tsholediwa.