Tswana 1992 Bible - 23 verses
1Modimo, o re latlheleletseng ruri? Bogale jwa gago bo tukelelang dinku tsa bohulo jwa gago?
2Gakologelwa phuthego ya gago, e o sa leng wa e reka bogologolo, e o e rekolotseng, gore e nne seลกaba sa boswa jwa gago; le thaba ya Sione e o kileng wa aga mo go yone.
3Tsholeletsa dinao tsa gago kwa maropeng a a ntseng ka bosaengkae; kwa bosuleng jo mmaba o bo dirileng mo felong ga boitshepo.
4Baganetsi ba gago ba ntse ba bopa fa gare ga phuthego ya gago; ba tlhomile mekgele ya bone go nna ditshupo.
5Ba kile ba nna jaaka ekete ke batho ba ba ekelang sekgwa sa ditlhare dilepe.
6Jaanong dilo tse di kwadilweng ka botswerere ka go setwa, ba di thubaka ka seletswana le dinoto.
7Ba tshubetse felo ga gago ga boitshepo; ba itshepolotse boago jwa leina la gago, ka go bo digela fa fatshe.
8Mo pelong tsa bone ba rile: โA re di gasagaseng gotlhe fela;โ ba jele matlo a thuto a otlhe a Modimo mo lefatsheng ka molelo.
9Ga re bone ditshupo tsa rona; ga go tlhole go na le moperofeti ope; le gone ga go na ope yo o itseng gore ke lobaka lo lo kaye.
10Modimo, kana moganetsi o tlaa nna a kgoba goleele go le kaye? A mmaba o tlaa nna a tlhapatsa leina la gago ka bosakhutleng?
11O gonelang letsogo la gago, e bong letsogo la gago le le siameng? Le ntshe mo sehubeng sa gago o ba nyeletse.
12Le fa go ntse jalo, Modimo o ntse o le Kgosi ya me le mo bogologolong, o ntse o dira poloko mo gare ga lefatshe.
13O ne wa kgaoganya lewatle ka nonofo ya gago; wa thuba ditlhogo tsa dikgogela mo metsing.
14O thubagantse ditlhogo tsa kubu e tona, wa e naya batho ba ba ntseng mo nageng go e ja.
15O ne wa fatoganya motswedi le morwalela; wa kgadisa dinoka tse dikgolo thata.
16Motshegare ke wa gago, bosigo le gone ke jwa gago; o baakantse lesedi le letsatsi.
17O tlhomile dithoko tsotlhe tsa lefatshe; o dirile selemo le mariga.
18Gakologelwa mo, Jehofa, go re mmaba o kgobile, le go re batho ba ba dieleele ba tlhapaditse leina la gago.
19O se ka wa neela sebatana mowa wa lephoi la gago; o se ka wa lebala botshelo jwa bahumanegi ba gago ka bosakhutleng.
20Tlhokomela kgolagano, gonne mafelo a a lefifi a lefatshe a tletse maago a thubakanyo.
21A bapatikwi ba ke ba se ka ba bowa ka ditlhong; a bahumanegi le batlhoki ba bake leina la gago.
22Modimo, nanoga o ipuelele mo kgannyeng ya gago; gakologelwa ka fa motho wa seeleele o tlholang a go kgoba ka letsatsi lotlhe ka teng.
23O se ka wa lebala lentswe la baganetsi ba gago; tlhapeo ya ba ba go tsogologelang e tlhatloga ka gale le ka gale.