Tswana 1992 Bible - 20 verses
1Ke tlaa goela kwa Modimong ka lentswe la me; e bong Modimo, ka lentswe la me, mme o tlaa ntshekegela tsebe.
2E rile mo letsatsing la tlalelo ya me ka batla Morena; seatla sa me se ne se otlologile mo bosigong, mme se se ka sa gonega; mowa wa me wa gana go gomotsega.
3Ke gakologelwa Modimo, mme ke tlhobaele; ke itoke, mme mowa wa me o ribegediwe. Sela.
4O tshwarisitse matlho a me go lebela fela; ke tlaletswe thata, ke bile ke retelelwa ke go bua.
5Ke akantse dipaka tsa bogologolo, dinyaga tsa metlha ya bogologolo tala.
6Ke ikgakolola sefela sa me mo bosigong; ke buabue le pelo ya me mme mowa wa me o putle thata.
7โA Morena o tlaa latlhela ruri? A ga a ketla a tlhola a rapelesega gope?
8A boutlwelobotlhoko jwa gagwe bo etse ruri ka bosakhutleng? A ke go re polelo ya tsholofetso ya gagwe e tlhaelela ruri ka bosaengkae?
9A Modimo o lebetse go nna pelonomi? A o tswaletse mautlwelobotlhoko a one a manamagadi ka bogale?โ Sela.
10Mme ke rile: โMo ke seemere sa me; ke tlaa gakologelwa dinyaga tsa seatla se segolo sa Mogodimodimo.โ
11Ke tlaa nna ke umaka ditiro tsa ga Jehofa; gonne ke tlaa gakologelwa dikgakgamatso tsa bogologolo.
12Le gone ke tlaa akanya tiro ya gago yotlhe, ke kanka ka ga tse o di dirang.
13Tsela ya gago Modimo, e mo felong ga boitshepo, e mang yo e leng Modimo o mogolo jaaka wena Modimo?
14Wena o Modimo o o dirang dikgakgamatso; o itsisitse ditลกhaba thata ya gago.
15O golotse batho ba gago ka letsogo la gago; bomorwa Jakobe le Josefe. Sela.
16Metsi a ne a go bona, Modimo; metsi a ne a go bona, a boifa; matengteng le one a roroma.
17Maru a na a tsholola metsi; magodimo a ntsha tumo; metswi ya gago le yone ya gasama.
18Kodu ya tumo ya gago ya maru ya nna mo setsuatsueng; dikgadima tsa bonesa lefatshe; lefatshe la roroma la reketla.
19Tsela ya gago e ne e le mo lewatleng, le ditselana tsa gago mo metsing a magolo; metlhala ya gago e ne e sa itsiwe.
20O ne wa goga batho ba gago jaaka letsomane, ka seatla sa ga Moลกe le Arone.