Tswana 1992 Bible - 72 verses
1Lona batho ba me, beelang molao wa me tsebe; sekegelang mafoko a molomo wa me tsebe.
2Ke tlaa tswa molomo ka setshwantsho; ke tlaa wela dipolelo tse di lotobo tsa bogologolo,
3tse re di utlwileng, ra di itse, tse borraetsho ba di re boleletseng.
4Ga re ketla re di lobela bana ba bone, ka re tlaa bolelela losika lo lo tlang dipako tsa ga Jehofa, le thata ya gagwe, le ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang tse o di dirileng.
5Gonne o ne a tlhoma tshupo mo go Jakobe, a baya molao mo go Iseraele, o o o laoletseng borraetsho gore ba tle ba itsise bana ba bone dilo tse;
6gore losika lo lo tlang lo di itse, e bong bana ba ba tlaa tsalwang; ba ba tlaa tlogang ba ba ba di bolelela bana ba bone;
7gore ba tlhome tsholofelo ya bone mo Modimong, ba se ka ba lebala ditiro tsa Modimo, mme ba boloke ditaolo tsa one;
8gore ba se nne jaaka borraabo, ba e neng e le losika lo lo tlhogo e thata, le lwa borukhutlhi; e le losika lo lo sa tlhomang pelo ya lone ka tshiamo, lo mowa wa lone o sa emang sentle le Modimo.
9Bana ba ga Eferaime, e rile ba tlhometse dibolao ba bile ba sikere mara, ba menoga ba tshaba mo letsatsing la tlhabano.
10Ga ba a ka ba boloka kgolagano ya Modimo, ba gana go tsamaya mo molaong wa one;
11ba lebala ditiro tsa one, le ditiro tse di gakgamatsang tse o neng o di ba bontshitse.
12Ke dilo tse di tseanyang, tse o di dirileng mo ponong ya borraabone, mo lefatsheng la Egepeto, le mo nageng ya Soane.
13O ne wa fatoganya lewatle, wa ba kgabagantsha; wa emisa metsi a nna jaaka mokoa fela.
14Le gone motshegare wa nna wa ba goga ka leru, le bosigo jotlhe ka lesedi la molelo.
15Wa fatola mafika mo nageng fela, wa ba nosa thata jaaka mo madibeng a a boteng.
16O ne wa phunya metlhodi le yone mo lefikeng, wa eledisa metsi jaaka dinoka.
17Le fa go ntse jalo ba tswelela pele fela go o leofela, go tsuololela Mogodimodimo mo loboeng lwa naga.
18Ba leka Modimo mo pelong tsa bone, ka go lopela keletso ya bone dijo.
19Ee, ba ne ba nyatsa Modimo, ba re: âA Modimo o ka baakanya lomati lwa bojelo mo nageng?â
20Ba re: âBona, o ne wa itaya lefika, metsi a ba a phothometsega le meelelo ya penologa; a bogobe le jone a o ka bo ntsha? A o tlaa etleeletsa batho ba one nama?â
21Ke gone ka foo Jehofa a utlwa, mme a nna bogale thata; molelo wa tshubelwa Jakobe, bogale le jone jwa tsogela Iseraele;
22ka gobo ba se ka ba dumela Modimo, le fa e le go ikanya poloka ya one.
23Le fa go ntse jalo wa laola maru kwa godimo, wa bula dithoba tsa legodimo;
24mme wa ba nesetsa mana go a ja, wa ba naya mabele a legodimo.
25Motho a ja bogobe jwa bathata; wa ba gorosetsa dijo tsa go kgorwa.
26Wa fokisa phefo ya botlhabatsatsi mo loaping; wa tsamaisa phefo ya borwa ka thata ya one.
27Nama le yone wa e ba nesetsa jaaka lorole, le dinonyane tse di diphuka jaaka mošawa wa lewatle.
28Wa e usetsa fa gare ga bothibelelo jwa bone, mo tikologong ya manno a bone.
29Jalo ba ja, mme ba kgora thata; wa ba naya se ba se eleditseng.
30E rile ba ise ba tenwe ke keletso ya bone, nama e sa ntse e le mo maganong a bone,
31bogale jwa Modimo jwa ba tsogela, jwa bolaya ba ba nonneng bogolo mo go bone, ja ba jwa thubanyetsa makau a Iseraele fa fatshe.
32Le fa go dirile jaana, ba fela ba leofela pele fela, ba sa dumele ditiro tse di gakgamatsang tsa one.
33Ka ntlha ya moo wa sweletsa malatsi a bone ka lefela, le dinyaga tsa bone ka therego.
34Ya re fa o ba bolaya, ya dira gone ba botsang ka ga one; mme ba bowe ba batle Modimo go sa le gale.
35Ba gakologelwe fa Modimo e le lefika la bone; le go re Modimo wa Mogodimodimo ke Morekolodi wa bone.
36Ba o tsoatsoa ka molomo wa bone, ba o akela ka loleme lwa bone.
37Gonne pelo ya bone e ne e sa siamela one; le gone ba ne ba sa ikanyega mo kgolaganong ya one.
38Mme one, ka o tletse pelotlhomogi, wa itshwarela boikepo jwa bone, wa se ka wa ba senya; ee, wa faposa bogale jwa one gantsi, mme wa se ka wa tsosa tšhakgalo yotlhe ya one.
39Wa ba gakologelwa fa ba le nama fela; ba le phefo e e fetang, mme e se ke e be e boye.
40Ba ne ba o tsuololela gantsintsi jang mo nageng! Ba o hutsafatsa mo difoleng tsa naga!
41Ba ba ba menoga gape, ba leka Modimo, ba rumola Moitshepi wa Iseraele.
42Ga ba a ka ba gakologelwa seatla sa one, le fa e le letsatsi le o ba golotseng mo moganetsing ka lone.
43Ka fa o tlhomileng ditshupo tsa one mo Egepeto ka gone, le dikgakgamatso mo nageng ya Soane;
44wa fetola dinoka tsa bone madi, le dinokana tsa bone, ba ba ba retelelwa ke go nwa.
45Wa ba tsosetsa metshitshi ya dintshi, tsa ba ja; le digwagwa tsa ba senya.
46Le loato lwa dilo tsa bone wa lo neela diboko; le tsa letsapa la bone wa di neela tsie.
47Wa senya mafine a bone ka sefako, le ditlhare tsa bone tsa masekamore ka kgogotshwane.
48Dikgomo tsa bone le tsone wa di neela sefako, le matsomane a bone wa a neela tladi ya tlapana e e molelo.
49Wa ba piriganyetsa go tuka ga bogale jwa one, tšhakgalo, le kgalefo le tlalelo, e le lesomo la barongwa ba bosula.
50Wa phunyetsa bogale jwa one tsela; wa se ka wa rekegela mowa wa bone mo losong, wa neela kgogodi botshelo jwa bone;
51wa gaila bana ba batsalwapele botlhe ba Egepeto, tshimologo ya thata ya bone mo megopeng ya ga Hame;
52mme batho ba e leng ba one, bone wa ba gogela ntle jaaka dinku, wa ba wa ba tsamaisa mo nageng jaaka letsomane fela.
53Wa ba goga ka polokego, go tla ba se ka ba boifa; baba ba bone, lewatle la ba ribegetsa.
54Wa ba fitlhisa mo molelwaneng wa felo ga one ga boitshepo, mo thabeng eno, e seatla sa one se segolo se e rekileng.
55Merafe le yone wa e leleka fa pele ga bone, wa e aba ka thapo go nna boswa, mme wa tsenya ditso tsa Iseraele, tsa nna mo megopeng ya yone.
56Le fa go ntse jalo Modimo Mogodimodimo ba o leka, ba o tsuololela fela, mme ba se ka ba boloka ditao tsa one;
57mme ba boela kwa morago, ba dira ka mooko jaaka borraabo; ba fapoga jaaka bora jo bo kgopameng.
58Gonne ba ne ba o tlhotlheletsa bogaleng ka mafelo a bone a a tlotlometseng, ba o tsenya lefufa ka ditshwantsho tse di setilweng tsa bone.
59E rile Modimo o utlwa wa nna bogale thata, wa fedisiwa pelo fela ke Iseraele;
60wa ba wa tla wa tlogela motlaagana wa Shilo, mogope o o o tlhomileng mo bathong;
61thata ya one wa e tsenya mo botshwarweng, le kgalalelo ya one wa e tsenya mo seatleng sa moganetsi.
62Batho ba one wa ba neela tšhaka; le gone wa nna bogale thata le boswa jwa one.
63Molelo wa laila makau a bone; barweetsana ba bone le bone ba se ka ba dirana le pina ya nyalo.
64Baperesiti ba bone ba wa ka tšhaka, mme batlholagadi ba bone ba se ka ba dira selelo sepe.
65Foo Morena a tsoga jaaka mongwe yo o tswang borokong, jaaka monna yo o thata fa a goisiwa ke bojalwa jwa mofine.
66A phailela baganetsi ba gagwe kwa morago; a ba dira sekgobo sa metlha yotlhe.
67Gape a gana mogope wa ga Josefe, a se ka a itshenkela lotso lwa ga Eferaime;
68a itshenkela lotso lwa ga Juta, e bong thaba ya Sione e o e ratang.
69A aga felo ga gagwe ga boitshepo jaaka ditlhora tsa dithaba fela; jaaka lone lefatshe le o le emiseditseng ruri ka bosakhutleng.
70Le gone a itshenkela Dafite motlhanka wa gagwe; a mo tsaya a le mo marakaneng a dinku;
71a mo tlosa mo go saleng dinku tse di amusang morago; a tla go otla Jakobe, batho ba gagwe, le Iseraele boswa jwa gagwe.
72Jalo a ba otla ka fa thokgamong ya pelo ya gagwe, a ba tsamaisa ka botswerere jwa diatla tsa gagwe.