Tswana 1992 Bible - 52 verses
1Ke tlaa opela ka ga mautlwelobotlhoko a ga Jehofa ka bosakhutleng; ka molomo wa me ke tlaa itsise boikanngo jwa gago mo tshikatshikeng tsotlhe.
2Gonne ke rile: Boutlwelobotlhoko bo tlaa agela ruri ka bosakhutleng; boikanngo jwa gago o tlaa bo tlhomamisa le mo magodimong tota.
3โKe golaganye le moitshenkedwi wa me ke ikanetse Dafite motlhanka wa me.
4Ka re: โLosika lwa gago ke tlaa lo tlhomamisa ka bosakhutleng, ke tlaa agela ruri setulo sa gago sa bogosi, go ya ditshikeng tsotlhe fela.โ โ Sela.
5Magodimo a tlaa baka dikgakgamatso tsa gago, Jehofa; boikanngo jwa gago le jone mo phuthegong ya baitshepi.
6Gonne, e ka nna mang mo maaping yo o ka tshwantshiwang le Jehofa? E mang mo go bomorwa bathata yo o tshwanang le Jehofa?
7E le Modimo o o boitshegang thata mo lekgotleng la baitshepi; e le o o nang le go sisimogwa bogolo go botlhe ba ba o dikanyeditseng?
8Jehofa Modimo wa masomosomo, ana ke mang yo o leng mothata jaaka wena, wena Jehofa? O bile o dikanyeditswe ke boikanngo jwa gago.
9O a tle o buse boikgodiso jwa lewatle; e re dintelo tsa lone di rwalelesega o di didimatse.
10O thubagantse Rahabe, jaaka mongwe yo o bolailweng; o gasagasitse baba ba gago ka letsogo la thata ya gago.
11Magodimo ke a gago, lefatshe le lone ke la gago; lobopo o lo theile le botlalo jwa lone.
12Ke wena o tlhodileng botsheka le borwa; Tabore le Heremone di itumela mo ineng la gago.
13O na le letsogo le le thata thata; seatla sa gago se thata, seatla sa gago se se siameng se goletsegile.
14Tshiamiso le katlholo ke motheo wa setulo sa gago sa bogosi; boutlwelobotlhoko bo eteletse sefatlhogo sa gago pele bo na le boammaaruri.
15Go sego batho ba ba itseng tumo e, ya boitumelo; ba bo ba tsamaya mo leseding la sefatlhogo sa gago, Jehofa.
16Ba tlhola letsatsi lotlhe ba itumela mo ineng la gago; ba golediwa mo tshiamong ya gago.
17Gonne o kgalalelo ya thata ya bone, lonaka lwa rona lo tlaa golediwa mo tlhogonolofatsong ya gago.
18Gonne thebe ya rona ke ya ga Jehofa; le kgosi ya rona ke ya Moitshepi wa Iseraele.
19Gape o kile wa bua le baitshepi ba gago mo ponatshegelong, wa re: โKe beile thuso mo go mongwe yo o thata thata; ke goleditse mongwe yo o itshenketsweng mo bathong.
20Ke bonye Dafite motlhanka wa me; ke mo tloditse ka lookwane lwa me lo lo boitshepo.
21Ke yo seatla sa me se tlaa tlhomamang mo go ene; letsogo la me le lone le tlaa mo thatafatsa.
22Mmaba ga a ketla a mo tseela sepe ka patiko; le fa e le morwa boikepo ga a ketla a mo tlhokofatsa.
23Ke tlaa thubaganyetsa baba ba gagwe fa fatshe, ke gaila ba ba mo ilang.
24Boikanngo jwa me bo tlaa nna le ene, le jone boutlwelobotlhoko jwa me; lonaka lwa gagwe lo tlaa goletsega mo ineng la me.
25Le gone ke tlaa baya seatla sa gagwe mo lewatleng; le seatla sa gagwe se se siameng mo dinokeng.
26O tlaa goela kwa go nna, a re: โKe wena rre, Modimo wa me, le lefika la poloko ya me.โ
27Le nna ke tlaa mo dira ngwana wa motsalwapele wa me, mogolo wa dikgosi tsa lefatshe.
28Boutlwelobotlhoko jwa me ke tlaa bo mmolokela ka bosaengkae, le kgolagano ya me e tlaa tlhomama nae.
29Le lone losika lwa gagwe ke tlaa lo dira gore lo eme ka bosakhutleng, le setulo sa gagwe sa bogosi jaaka malatsi a legodimo.
30E tlaa re fa bana ba gagwe ba tlogela molao wa me, mme ba sa tsamaye mo dikatlholong tsa me;
31fa ba senya melao ya me, ba sa boloke ditaolo tsa me;
32e dira gone ke tlaa kgophololang tlolo ya bone ka thupa, le boikepo jwa bone ka dinteo.
33Le fa go ntse jalo boutlwelobotlhoko jwa me ga nketla ke bo tlosetsa ruri mo go ene, le fa e le go leseletsa boikanngo jwa me go tlhaela.
34Kgolagano ya me ga nketla ke e tlola le fa e le go fetola sone se se duleng ka dipounama tsa me.
35Ke ikanne gangwe fela ka boitshepo jwa me; ga nketla ke aketsa Dafite; ka re:
36Losika lwa gagwe lo tlaa ema ka bosakhutleng, le setulo sa gagwe sa bogosi se tlaa ema jaaka letsatsi fa pele ga me.
37Se tlaa tlhomamisiwa ka bosakhutleng jaaka kgwedi, le jaaka mosupi yo o ikanyegang mo loaping.โ Sela.
38Mme o latlhile, o ganne, o ntse o galefetse motlodiwa wa gago.
39O fedisitswe pelo ke kgolagano ya motlhanka wa gago; o tlhapaditse serwalo sa gagwe sa bogosi, go ya fela mo mmung.
40O rutlile dikgoro tsa gagwe tsotlhe fela; dikago tsa gagwe tse di thata o di ntshitse marope fela.
41Botlhe ba ba fetang ka tsela ba a mo thopa; o bile o dule sekgobo mo go ba o bapileng nabo.
42O goleditse seatla se se siameng sa baganetsi ba gagwe; o itumedisitse baba botlhe ba gagwe.
43Ee, bogale jwa tลกhaka ya gagwe o bo phetsotse, wa ba wa se ka wa mo emisa mo tlhabanong.
44O khutlisitse go phatsima ga gagwe, le setulo sa gagwe sa bogosi o se digetse fa fatshe.
45Malatsi a bokau jwa gagwe o a khutsafaditse; o mmipile ka ditlhong. Sela.
46E tlaa nna goleele go le kaye Jehofa? A o tlaa iphitlha ka bosakhutleng? Bogale jwa gago bo tlaa tuka jaaka molelo goleele go le kaye?
47A ko o gakologelwe motlha wa me, gore o mokhutshwane jang! Kana bana botlhe ba batho o ba bopetse lefela jang!
48Ana motho ke ofe yo o tlaa tshelang mme a se ketla a bona loso? Yo o tlaa gololang mowa wa gagwe mo thateng ya Bobipo e mang?
49Morena, mautlwelobotlhoko a gago, a jale, a kwa kae, a o kileng wa ikanela Dafite mo boikanngong jwa gago?
50Morena, gakologelwa kgobo ya batlhanka ba gago; ka fa ke tshotseng kgobo ya batho botlhe ba ba thata thata mo sehubeng sa me ka gone;
51e baba ba gago Jehofa, ba kgobileng ka yone, e ba kgobileng dikgato tsa motlodiwa wa gago ka yone.
52A go bakwe Jehofa ka bosakhutleng. A go nne jalo, fela jalo.