Tswana 1992 Bible - 18 verses
1Jehofa, Modimo wa poloko ya me, ke ntse ke gala fa pele ga gago motshegare le bosigo.
2A morapelo wa me o tsene, o fitlhe fa pele ga gago; sekegela go gala ga me tsebe ya gago;
3gonne mowa wa me o tletse ditlalelo, le botshelo jwa me bo atamela kwa Bobipong.
4Ke balelwa le bone ba ba fologelang mo moleteng; ke ntse jaaka monna yo o se nang thuso.
5Ke latlhetswe fela mo baswing, jaaka ba ba bolailweng, ba ba namaletseng mo phupung, ba o sa tlholeng o ba gakologelwa gope; mme ba kgaotswe mo seatleng sa gago.
6O mpeile mo moleteng o o kwa tengteng, mo mafelong a a lefifi, mo matennyeng.
7Kgalefo ya gago e ntlapisitse ka thata, o ntlhokofaditse ka dinteelo tsotlhe tsa gago. Sela.
8Ba ke itsanyeng nabo o ba isitse kgakala le nna; o ntirile se se makgapha mo go bone; ke tswaletswe, mme ke reteletswe ke go tswa.
9Leitlho la me le fela ka ntlha ya tlhokofatso; ke ntse ke go bitsa, Jehofa, ka letsatsi le letsatsi ke otlololetse mabogo a me koo go wena.
10A baswi o a bo o tlaa ba supetsa dikgakgamatso? A ba ba fetileng ba tlaa tsoga ba go baka? Sela.
11A bopelonomi jwa gago jwa lorato bo tlaa kakanngwa mo phupung? le fa e le boikanngo jwa gago mo goora Tshenyo?
12A dikgakgamatso tsa gago di tlaa itsiwe mo lefifing? Le tshiamo ya gago mo lefatsheng la tebalo?
13Ke wena, Jehofa, yo ke goetseng kwa go wena; mme e tle e re go le ka moso morapelo wa me o tlaa nna o fitlha fa pele ga gago.
14Jehofa, ana o latlhelang mowa wa me? O ntshubelang sefatlhogo sa gago?
15Ke sa le ke patikega, ke iketleeletsa go swa le mo bokaung jwa me; e a re fa ke boga ditheriso tsa gago ke be ke rerege.
16Kgalefo e e tukang ya gago e nthibegeditse; ditheriso tsa gago di nkgaotse.
17Di ne tsa tlhola di mpharafere jaaka metsi ka letsatsi lotlhe; tsa mphola mmogo.
18Morati le tsala o ba isitse kgakala le nna, le ba ke itsanyeng nabo o ba isitse mo lefifing.