Tswana 1992 Bible - 15 verses
1Ke selo se se molemo go ntshetsa Jehofa malebogo, le go opelela leina la gago dipako, wena Mogodimodimo;
2go bolelelapale bopelonomi jwa gago jwa lorato go le ka moso, le boikanngo jwa gago ka masigo otlhe.
3Ka seletso se se megala e le some, le ka saletare; ka modumo o o tibelang tlase ka harepe.
4Gonne wena, Jehofa, O impedisitse ka tiro ya gago; ke tlaa ja koma mo ditirong tsa diatla tsa gago.
5Ana ditiro tsa gago di dikgolo jang Jehofa! Megopolo ya gago e boteng thata.
6Motho yo o seeleele ga a itse; le gone lesilo ga le tlhaloganye mo, go re,
7e re baikepi ba tswetswena jaaka bojang, le badira tshiamolo botlhe ba kgaba; e be e le gore ba nyelelediwe ruri.
8Mme wena Jehofa, o kwa godimo ka bosenabokhutlo.
9Gonne, bona, baba ba gago, Jehofa; gonne bona, baba ba gago ba tlaa nyelela; badiri botlhe ba tshiamololo ba tlaa gasagasega fela.
10Lonaka lwa me o lo goleditse jaaka lwa nare; ke tloditswe lookwane lo loลกa.
11Leitlho la me le lone le bonye keletso ya me mo babeng ba me, ditsebe tsa me di utlwile keletso ya me ka ga badira bosula ba ba ntsogologelang.
12Mosiami o tlaa kgaba jaaka mokolane; o tlaa gola jaaka mosetara wa Lebanone.
13Ba ba tlhomilweng mo ntlong ya ga Jehofa ba tlaa kgaba mo malwapeng a Modimo wa rona.
14Ba tlaa fela ba ntse ba ungwa fela le mo botsofeng; ba tlaa tlala monono, ba nna banana,
15go supa fa Jehofa a le thokgamo; ke ene lefika la me, mme ga go na tshiamololo epe mo go ene.