Tswana 1992 Bible - 5 verses
1Jehofa o a busa; o apere borena; Jehofa o apere, o itlamile ka thata; lefatshe le lone le nitame, ga le ka ke la tshikinngwa.
2Setulo sa gago sa bogosi se sa le se nitama bogologolo; o ntse o leyo go tswa kwa bosasimologeng.
3Jehofa, merwalela e tsholeditse, merwalela e tsholeditse kgwaso ya yone; merwalela e tsholetsa makhubu a yone.
4Jehofa a le kwa godimo o thata thata, godimo ga dikgwaso tsa metsi a le mantsi, e bong dinteelo tse di thubanyetsegang, tse di thata thata tsa lewatle.
5Ditshupo tsa gago di tlhomame thata; boitshepo bo tshwanetse ntlo ya gago, Jehofa ka bosakhutleng.