Tswana 1992 Bible - 36 verses
1A Botlhale ga a kue, tlhaloganyo a ga a tsholetse lentswe la gagwe?
2Kwa godimo ga mafelo a a godimo fa tseleng, fa ditselana di kopanelang gone, o eme gone;
3fa dikgorong, fa botsenong jwa motse, fa go tsenwang ka mejako gone, o kuela godimo; a re:
4“Ke kua lona banna; lentswe la me le buisa bana ba batho.
5Lona ba lo sa tlhalefang, tlhaloganyang matseba, le lona dieleele lo nne pelo e e tlhaloganyang.
6Utlwang, gonne ke tlaa bua dilo tse di gaisang mo go feteletseng; go tumologa ga dipounama tsa me e tlaa nna ga dilo tse di siameng.
7Gonne molomo wa me o tlaa bolela boammaaruri; boikepo ke makgapha mo dipounameng tsa me.
8Mafoko otlhe a molomo wa me a mo tshiamong; ga go na sepe se se sokameng, le fa e le se se kgopo mo go one.
9A bonala sentle fela otlhe mo go ene yo o tlhaloganyang, a siame mo go ba ba bonang kitso.
10Tsholang thuto ya me, e seng selefera; le kitso bogolo go gouta e e tlhophegileng.
11Gonne botlhale bo molemo bogolo go diperela, mme dilo tsotlhe tse motho o ka di eletsang ga di na go tshwantshiwa le jone.
12Nna, botlhale, ke dirile matseba boago jwa me, ke tsoma kitso le pharologanyo.
13Go boifa Jehofa ke go ila bosula; boikgodiso, le bogoma, le mokgwa o o bosula le molomo o o lesoko, ke dilo tse ke di ilang.
14Kgakololo ke ya me, le kitso e e itekanetseng; ke nna tlhaloganyo; ke na le thata.
15Dikgosi di busa ka nna, le dikgosana di tlhoma molao wa tshiamo ke nna.
16Dikgosana di laola ka nna le bagolwane, e bong baatlhodi botlhe ba lefatshe.
17Ke rata bone ba ba nthatang; ba ba mpatlang ka tlhoafalo ba tlaa mpona.
18Dikhumo ke na natso le tlotlo, ee, dikhumo tse di tlhomameng, le tshiamo.
19Loungo lwa me lo molemo bogolo go gouta, ee, bogolo go gouta e e itshekileng; le totafalelo ya me bogolo go selefera se se tlhophegileng.
20Ke sepela mo tseleng ya tshiamo, mo gare ga ditselane tsa tshiamiso.
21Gore ba ba nthatang ke ba jese boswa jwa dilo, le gore ke tlatse matlo a bone a a bayang mahumo.
22Jehofa o ne a na le nna mo tshimologong ya tsela ya gagwe, pele ga ditiro tsa gagwe tsa bogologolo.
23Ke sa le ke emisiwa kwa bosasimologeng kwa tlholegong, lefatshe le ise le be le nne.
24E rile go se na ditsiba tse di botengteng, ka tsalwa; jale go se na metswedi e e tletseng metsi.
25Pele dithaba di ise di itshetlele, le pele ga dithabana, ka tsalwa.
26E rile a ise a dire lefatshe, le fa e le dinaga, le fa e le tshimologo ya lorole lwa lobopo,
27jale ka a etleetsa magodimo, ka bo ke le gone. Jale ka a baya tikwatikwe mo bophadiphading jwa setsiba se se boteng;
28e rile a tiisa loapi kwa godimo, jale ka metswedi ya boteng e pumpunyega;
29e rile a beela lewatle molelwane wa lone, gore metsi a tle a se ka a tlola taolo ya gagwe; ya re a rala metheo ya lefatshe,
30foo ke ne ke le fa go ene, jaaka motho yo e leng tlhogo ya tiro; ke le natefelo ya gagwe ka malatsi otlhe, ke ntse ke itumela ka metlha yotlhe fa pele ga gagwe.
31Ka itumelela lefatshe la gagwe le le nnwang; natefelo ya me le yone e le mo baneng ba batho.
32Ke gone jaana, bomorwaaka, ka re: Ntheetsang, gonne go sego ba ba tshegetsang ditsela tsa me.
33Utlwang thuto, lo tlhalefe, mme lo se ka lwa e gana.
34Go sego motho yo o nkutlwang, a ntse a lebeletse fa dikgorong tsa me, a ntse a letile fa mephakwaneng ya mejako ya me.
35Gonne yo o mponang o bona botshelo, mme o tlaa bona botsalano mo go Jehofa.
36Mme yo o nteofelang o siamololela mowa wa gagwe tota; botlhe ba ba nkilang ba rata loso.”