Tswana 1992 Bible - 17 verses
1Sefela sa difela, se e leng sa ga Solomone.
2A a nkatle ka dikatlo tsa molomo wa gagwe; gonne lorato lwa gago lo molemo bogolo go bojalwa jwa mofine.
3Ditlolo tsa gago di na le monko o o monate; leina la gago le ntse jaaka setlolo se se itshelwang; ke gone ka moo makgarebane a go ratang.
4Nkgoga, re tlaa siana re go setse morago; kgosi e nkisitse mo matlwaneng a yone; re tlaa itumela re ipela mo go wena, re tlaa umaka lorato lwa gago bogolo go bojalwa jwa mofine; ba go rata ka tshiamo.
5Ke montsho, mme ke montle, lona bomorwadia Jerusalema, jaaka megope ya Ketare, jaaka disiro tse di lepelelang tsa ga Solomone.
6Lo se ka lwa nteba, ka gobo ke le montsho, ka gobo letsatsi le mpabotse. Bomorwa mme ba ne ba nkgakaletse, ba ntira molebedi wa masimo a mafine; mme e leng tshimo ya me ya mafine ga ke a e lebela.
7Mpolelela, wena yo mowa wa me o go ratang, kwa o hudisang letsomane la gago gone, kwa o le bothisang gone go le motshegare; gonne ke tlaa bo ke nnelang jaaka mongwe yo o kailang mo matsomaneng a bankane ba gago?
8Fa o sa itse, wena yo montlentle bogolo mo basading, tswa le motlhala wa matsomane, mme o hudise dipotsane tsa gago fa megopeng ya badisa.
9Moratwa wa me, ke go tshwantshitse le pitse mo dikareng tsa ga Faro.
10Marama a gago a mantle ka metshopho ya moriri, le thamo ya gago ka majana a a tlhokegang a a fololetsweng.
11Re tlaa go direla metsila ya gouta e na le kgotlwana tsa selefera.
12E rile kgosi e dutse fa bojelong jwa yone, bolao jwa me jwa nareto jwa utlwatsa monko wa jone.
13Mo go nna moratwa wa me o ntse jaaka ngatana ya mera, e e lalang fa gare ga mabele ame.
14Mo go nna moratwa wa me o ntse jaaka lerose la dithunya tsa motlhatswameno mo masimong a mafine a Enegedi.
15Bona, o montle, moratwa wa me; bona, o montle; matlho a gago a ntse jaaka matseba.
16Bona o montle, moratwa wa me, ee, o natefo; bolao jwa rona bo bile bo botala.
17Mesipuri ya ntlo ya rona ke masetara, le ditlhomeso tsa rona ke marukuru.