Tswana 1992 Bible - 17 verses
1Ke sethunya sa tshuse ya Sharone, ke sethunya sa boka sa mekgatลกha.
2Jaaka sethunya sa boka se ntse mo makaikaing, moratwa wa me o ntse jalo mo barweetsaneng.
3Jaaka setlhare sa moapole se ntse mo ditlhareng tsa sekgwa, moratwa wa me o ntse jalo mo baneng ba basimane. Ka dula mo moriting wa gagwe ka boitumelo jo bogolo, mme loungo lwa gagwe lwa utlwala monate mo ganong la me.
4O ne a nkisa mo ntlong ya meletlo, mme sekhukhu sa gagwe godimo ga me e ne e le lorato.
5Nkilola ka ditshwabi tsa mofine, nthudisa ka boapole; gonne ke lwadiswa ke lorato.
6Letsogo la gagwe la molema le ntshameditse, letsogo la gagwe le legolo le a ntlamparela.
7Lona bomorwadia Jerusalema, ke a lo ikanisa ka ditshephe, le ka dikwalata tsa naga, ka re: Lo se ka lwa tlhotlheletsa, le fa e le go tsosa lorato, go tle go tsamaye go kgatlhege lona pele.
8A lentswe la moratwa wa me! Bonang, o e tla, a tlola mo dithabeng, a kalapa mo dithabaneng.
9Moratwa wa me o ntse jaaka tshephe kgotsa kukamana; bonang, o eme ka fa morago ga lorako lwa rona, o okomela teng ka difenseter, o iponatsa ka diphatlhana tsa ditswalo.
10Moratwa wa me o ne a bua, a nthaya a re: โTsoga moratwa wa me, montlenyana wa me, mme o tle re tsamae.
11Gonne bona, mariga a fetile, pula e khutlile, e ile;
12dithunya di bonala mo lefatsheng; motlha wa melodi ya dinonyane o fitlhile, le kodu ya lephoi e utlwala mo fatsheng la rona.
13Mofeige o budusa dikungwa tsa one tse ditala, le mafine a thuntse, u utlwatsa lonko lwa one. Nanoga moratwa wa me, montlenyana wa me, o tle re tsamaye.
14Ao, Letseba la me, o mo dipharong tsa mafika, o mo moriting wa felo fa go mokodumetsa; a ke bone sefatlhogo sa gago, a ke utlwe lentswe la gago; gonne lentswe la gago le monate, le sefatlhogo sa gago se sentle.
15Re tshwareleng diphokoje, e bong diphokojane tse di senyang masimo a mafine; gonne masimo a rona a mafine a thuntse.โ
16Moratwa wa me ke wa me, le nna ke wa gagwe; o hudisa letsomane la gagwe mo dithunyeng tsa masoma.
17Go tsamaya letsatsi le fefa, le meriti e tloga, o boe, moratwa wa me, mme o nne jaaka tshephe, kgotsa kukamana mo dithabeng tsa Bethere.