Tswana 1992 Bible - 11 verses
1E rile bosigo ke le mo bolaong jwa me ka batla ene yo mowa wa me o mo ratang; ka mmatla, mme ke se ka ka mmona.
2Ka re: “Jaana ke tlaa tsoga, ke tlaa tsamayatsamaya mo motseng, mo mebileng le mo ditseleng tsa mheru, ke tlaa mmatla, ke batla ene yo mowa wa me o mo ratang;” ka mmatla, mme ke se ka ka mmona.
3Balebedi ba ba tsamayatsamayang mo motseng ba mphitlhetse; ka ba raya ka re: “A lo bonye ene yo mowa wa me o mo ratang?”
4Ya re ke ba fapaanya go le gonnye, ka fitlhela ene yo mowa wa me o mo ratang; ka mo tshegetsa, ka gana go mo lesa, ga tsamaya ka mo isa mo ntlong ya ga mme, le mo ntlwaneng ya gagwe yo o nkimileng.
5Lona bomorwadia Jerusalema, ke a lo ikanisa ka ditshephe, le ka dikwalata tsa naga, go re lo se ka lwa tlhotlheletsa, le fa e le go tsosa lorato, go tle go tsamaye go kgatlhege lona pele.
6E mang yo o tlhatlogang a tswa kwa nageng jaaka dithogomusi tsa mosi; a nkgisitswe monate ka mura le ka lebano, le ka dikubuelo tsotlhe tsa morekisi.
7Bonang, ke sefata sa ga Solomone; se dikanyeditswe ke banna ba ba dinatla ba le masome a marataro, e le banna ba ba dinatla ba Iseraele.
8Ba itse go kgatimokanya tšhaka botlhe, ba rutegile mo ntweng; mongwe le mongwe o beile tšhaka ya gagwe ka fa seropeng ka ntlha ya go boifa bosigo.
9Kgosi Solomone o ne a itirela kara ya segosi ka dikgong tsa Lebanone.
10A dira maikaego a yone ka selefera, mpa ya yone ka gouta, manno a yone ka bohibidu jo bo mokgona, bogareng jwa sone go adilwe lorato ke bomorwadia Jerusalema.
11Tswelang kwa ntle, lona bomorwadia Sione, lo bone kgosi Solomone a na le serwalo sa tlhogo, se mmaagwe o se mo rwesitseng mo letsatsing la go tsaya ga gagwe, mo letsatsing la boipelo jwa pelo ya gagwe.