Tswana 1992 Bible - 13 verses
1Kana moratwa wa gago o ile kae, wena yo o leng montlentle bogolo mo basading? Moratwi wa gago o menogetse kae gore re tle re mo go batlise?
2Moratwi wa me o fologetse kwa tshimong ya gagwe, kwa ditemaneng tsa dinkgisa monate, o ile go ja mo masimong, le go kgetla dithunya tsa masoma.
3Ke wa gagwe moratwi wa me, le moratwi wa me ke wa me; o hudisa letsomane la gagwe mo gare ga dithunya tsa masoma.
4O montle, wena moratwa wa me, jaaka Tiresa, o sebopego se sentle jaaka Jerusalema, o a boitshega jaaka ntwa e e tshotseng mekgele.
5Thibosa matlho a gago mo go nna, gonne a mphentse. Moriri wa gago o ntse jaaka letsomane la dipodi, le le robetseng fa mohapheng wa Gileate.
6Meno a gago a ntse jaaka letsomane la dinku tse dinamagadi, tse di tlhatlogileng mo tlhapisong; tse nngwe le nngwe ya tsone e nang le bana ba mafatlha, le tse go se nang epe mo go tsone e e swetsweng.
7Dipupu tsa gago tsa matlho di ntse jaaka kgapetla ya garanate ka fa teng ga sesiro sa gago.
8Go na le bahumagadi ba kgosi ba le masome a marataro, le bagadingwana ba le masome a a ferang mebedi, le barweetsana ba ba se nang palo.
9Mme letseba la me, moitekanedi wa me o mongwe fela; ke ene esi wa ga mmaagwe; ke ene yo o itshenketsweng wa gagwe yo o mo tsetseng. Bana ba basetsana ba ne ba mmona, mme ba mmitsa mosegofadiwi; ee, bahumagadi ba kgosi le bagadingwana, ba mmona, mme ba mmaka.
10E mang ene yo o gadimang jaaka moso, a le montle jaaka ngwedi, a itshekile jaaka letsatsi, a boitshega jaaka ntwa e e nang le mekgele?
11Ka fologela kwa tshimong ya dithamane, ka ya go bona ditlhatshana tse ditala tsa molapo, ka ya go bona, go re a mofine o a kukunya, le go re, a garanate o ntshitse dithunya.
12Ya re ke sa itse sepe ka tshoga mowa wa me o mpaya mo gare ga dikara tsa batho ba me ba segosi.
13Boa, boa, Mošulame we; boa, boa gore re tle re go lebe. Ana lo ratelang go leba Mošulame, jaaka e ka bo e le pino ya Mahanaime?