Tswana 1992 Bible - 22 verses
1E rile mo malatsing ao, Hesekia a lwala ga go swa. Mme moperofeti Isaia morwa Amose a tla kwa go ene, a mo raya, a re: βGo bua jaana Jehofa, a re: βBaakanya ntlo ya gago; gonne o tlaa swa, ga o nka o tshela.β β
2Foo Hesekia a ithetolola sefatlhogo a leba kwa lomoteng, mme a rapela Jehofa, a re:
3βA ko o gakologelwe jaana, Jehofa ke a go rapela, ka fa ke tsamaileng fa pele ga gago ka gone mo boammaaruring, le ka pelo e e itekanetseng, mme ke dirile se se molemo mo matlhong a gago.β Mme Hesekia a lela mo go botlhoko.
4Foo ga tla lefoko la ga Jehofa kwa go Isaia, la re:
5βYa o reye Hesekia o re: Go bua jaana Jehofa, Modimo wa ga Dafite rraago, a re: Ke utlwile morapelo wa gago, ke bonye dikeledi tsa gago; bona, ke tlaa oketsa malatsi a gago ka dinyaga di le 15.
6Ke tlaa golola wena le motse o mo seatleng sa kgosi ya Asiria; mme ke tlaa femela motse o.
7βMme se, e tlaa nna sesupo mo go wena se tswa kwa go Jehofa, fa Jehofa a tlaa dira selo se, se o se buileng:
8Bona, moriti o o fologileng direpudi di le some mo direpuding tsa ga Ahase, ke tlaa o busetsa kwa morago direpudi di le some.β Jalo letsatsi la boa direpudi di le some mo direpuding tse le ne le fologile mo go tsone.
9Ke lone lokwalo lwa ga Hesekia kgosi ya Juta fa a sena go lwala, mme a fodile mo pobolong ya gagwe.
10A re: βKe rile: β βKe tlaa ya go tsena mo dikgorong tsa Bobipo, motshegare wa malatsi a me o sa ntse o le mogolo; ke tseetswe makunantshana a dinyaga tsa me.β
11Ke rile: Ga nketla ke bona Jehofa, e bong Jehofa mo lefatsheng la batshedi: ga nketla ke tlhola ke leba motho gope a na le banni ba lobopo.
12Bonno jwa me bo tlhomotswe, bo ntloseditswe jaaka mogope wa modisa, ke tshophile botshelo jwa me jaaka mologi wa matsela; o tlaa nkgaola mo selogong; go tswa motshegareng go ya fela bosigong o tlaa ntshwetsa o nkhutlisa.
13Ka ikgaodisa ga tsamaya ga nna moso; jaaka tau, o robelela marapo a me otlhe fela; go tswa mo motshegareng go ya fela bosigong o tlaa ntshwetsa o nkhutlisa.
14Jaaka peolwane kgotsa mogolori, ka tswirinya jalo; ka lela jaaka letseba; matlho a me a lapa ka go lelala; Jehofa, ke patikegile, a ko o nne moemedi wa me.β
15Ke tlaa reng? Ene o buile le nna, mme o bile o se dirile ka esi; ke tlaa tsamaya ka mongodi ka dinyaga tsotlhe tsa me ka ntlha ya bogalaka jwa mowa wa me.
16Morena, batho ba tshela ka dilo tse, mme botshelo jwa mowa wa me jotlhe fela bo fela mo go tsone; ke gone a ko o mphodise o ntshedise.
17Bona, e ne e le gore ke tlelwe ke kagiso fa ke ne ke na le bogalaka jo bogolo; mme ke ka ntlha ya go rata mowa wa me o o swatotse mo moleteng wa sebodu; gonne o latlhetse dibe tsa me tsotlhe kwa morago ga gago.
18Gonne phupu ga e kake ya go baka, loso ga lo kake lwa go jela moopelane; ba ba fologelang mo moleteng ga ba kake ba solofela boammaaruri jwa gago.
19Motshedi, motshedi ene, o tlaa go baka, jaaka ke dira gompieno; rra bana o tlaa itsise bana boammaaruri jwa gago.
20Jehofa o iketleeditse go mpoloka; ke gone ka moo re tlaa opelang difela tsa me ka diletso tse di ditlhale, ka malatsi otlhe a botshelo jwa rona, mo ntlong ya ga Jehofa.
21Jaana Isaia o ne a rile: βA ba tseye mongoloi wa difeiye, ba o beye semanego mo sesong, mme o tlaa fola.β
22Hesekia le ene o ne a rile: βSesupo ke eng sa fa ke tlaa tlhatlogela kwa ntlong ya ga Jehofa?β