Tswana 1992 Bible - 13 verses
1Bele o iname, Nebo o ikobile; medimo ya disetwa ya bone e mo dipeleseng, le mo dikgomong; dilo tse lo ne lo di rwala lo tsamayatsamaya ka tsone, di dirilwe morwalo le tapiso ya pelesa e e lapileng.
2E ikobile, e iname mmogo; e ne e sa kake ya rola morwalo, e bile yone ka yosi e ile kgolegong.
3“O tle o ntheetse wena ntlo ya ga Jakobe, le manoto otlhe a ntlo ya Iseraele, a e sa leng jaaka a tswa mo mpeng a ntse a belegwe ke nna, a a ntseng a rwalwa e sa le ka a tswa mo sebopelong.
4Le go ya kwa botsofading e ntse ke nna fela, le go ya kwa tlhogong e pududu, ke tlaa nna ke lo rwala fela; ke dirile, mme ke tlaa belega fela; ee, ke tlaa rwala ke ba ke rola.
5“Ana lo a bo lo tlaa ntshwantsha le mang lo ntekanya nae, lo mpapisa le ene, gore re tle re tshwane?
6Ba ba safang gouta mo morabaneng, ba lekanya selefera ka selekanyo sa pego, ba tle ba thape mothudi wa gouta ka tuelo, mme ene a di ntshe modimo; ba wele fa fatshe, ee, ba obame.
7Ba o sikare mo leruding, ba o sisele, ba o tlhome mo felong ga one, mme o eme; ga o ketla o tloga mo felong ga one; ee, mongwe o tlaa o goa, le fa go ntse jalo ga o kake wa araba, le fa e le go mo golola mo tlalelong ya gagwe.
8“Gakologelwang se, lo itshupe banna; ikgakololeng gape lona batlodi.
9Gakologelwang dilo tsa pele tsa bogologolo; gonne ke nna Modimo, mme ga go na ope o sele; ke nna Modimo, mme ga go na ope yo o tshwanang le nna.
10Yo ke bolelang bokhutlo e sa ntse e le tshimologo, ke bolele e sa le bogologolo dilo tse di iseng di dirwe; ka re: ‘Kgakololo ya me e tlaa ema, ke tlaa dira go kgatlhega ga me gotlhe fela.’
11Ka go bitsa nong e e phamolang e tswa botlhabatsatsi, monna wa kgakololo ya me, a tswa lefatsheng le le kgakala; ee, ke ikaeletse le gone ke tlaa dirafatsa; ke ikaeletse le gone ke tlaa dira.
12“Ntheetsang lona ba lo pelo di lesoko, ba lo kgakala le tshiamo;
13ke atametse tshiamo ya me, ga e ketla e nna kgakala, le poloka ya me ga e ketla e nyafala: mme ke tlaa baya poloko mo Sione, ke e beela Iseraele kgalalelo ya me.”