Tswana 1992 Bible - 25 verses
1Jehofa o bua jaana le motlodiwa wa gagwe, a raya Kurose, yo letsogo la gagwe ke le tshegeditseng go tla ke fenya merafe fa pele ga gagwe, mme ke tlaa repisa ditheka tsa dikgosi; go tla ke bula mejako fa pele ga gagwe, mme dikgoro ga di ketla di tswalwa.
2A re: “Ke tlaa go etelela pele, ke tlaa papana mafelo a a makgawekgawe; ke tlaa thubaganya ditswalo tsa kgotlho, ke tlaa pomaganya mephakalego ya tshipi.
3Ke tlaa go naya mahumo a lefifi, le dikhumo tse di subegileng tsa mafelo a a fitlhegileng, gore o tle o itse fa ke le Jehofa, yo ke go bitsang ka leina la gago, yo ke bong Modimo wa Iseraele.
4Ke ka ntlha ya ga Jakobe motlhanka wa me, le Iseraele moitshenkedwi wa me, fa ke go biditse ka leina la gago; ke go retile, le fa o ntse o sa nkitse.
5Ke nna Jehofa, mme ga go na ope o sele; kwa ntle ga me ga go na Modimo ope; ke tlaa go tlama le fa o ntse o sa nkitse;
6gore ba itse ba le kwa botlhabatsatsi le kwa bophirimatsatsi, fa go se na ope kwa ntle ga me; ke nna Jehofa, mme ga go na ope o sele.
7Ke bopa lesedi, ke bile ke tlhola lefifi; ke dira kagiso, ke bile ke tlhola bosula; ke nna Jehofa, yo ke dirang dilo tse tsotlhe fela.
8“Dutlang, lona magodimo kwa godimo, mme a phuthologo e phike tshiamo; a lefatshe le nyere, gore go ungwiwe poloko, mme a le tlhogise tshiamo mmogo; nna Jehofa ke di tlhodile.”
9“Ija! A bo go latlhega ene yo o ganelang le Modiri wa gagwe! A lobeana mo dipeapeaneng tsa lefatshe! A letsopa le tlaa raya yo o le bopang le re: ‘O bopa eng?’ Kgotsa tiro ya gago, e re: ‘Ga a na diatla.’
10Ija! A bo go latlhega ene yo o rayang rrangwana, a re: ‘O tsala eng?’ Kgotsa a raya mosadi a re: ‘O mo pelegong ya eng?’ ”
11Go bua jaana Jehofa, Moitshepi wa Iseraele le Modiri wa gagwe; a re: “Mpotsang ka ga dilo tse di tlang; ka ga bomorwaake, le ka ga tiro ya diatla tsa me, lo bo lo ntaole.
12Nna ke dirile lefatshe, mme ka tlhola motho mo go lone; nna e leng diatla tsa me di phutholotse magodimo, le masomosomo otlhe a one, ke nna ke a laotseng.
13Ke mo tsositse mo tshiamong; mme ke tlaa lolamisa ditsela tsotlhe tsa gagwe; o tlaa aga motse wa me, mme o tlaa lesa bafaladi ba me ba tsamaye fela, e seng ka tlhwatlhwa, le fa e le ka tuelo,” go bua Jehofa wa masomosomo.
14Go bua jaana Jehofa, a re: “Matsapa a Egepeto le thoto e e rekisiwang ya Ethiopia, le Basabea, batho ba ba mebele e e godileng ba tlaa tlolela kwa go wena ba tlaa nna ba lona; ba tlaa lo latela; ba tlaa kgabaganya ba le mo diketaneng; ba tlaa wela fa pele ga gago; ba tlaa go rapela ka mekokotlelo ba re: ‘Ruri Modimo o mo go wena; ga go na ope o sele, ga go na Modimo ope.’ ”
15Ruri, o Modimo o o tlong o iphitlhe, wena Modimo wa Iseraele, Mmoloki.
16Ba tlaa tlhajwa ke ditlhong, ee, ba tlaa sosobaganngwa botlhe fela; bone ba e leng badiri ba medimo ya disetwa ba tlaa ya ba tsena mo mapetepeteng mmogo.
17Iseraele ene o tlaa bolokwa ke Jehofa, ka poloka e e sa khutleng; ga lo ketla lo tlhajwa ke ditlhong, le fa e le go tseanngwa ka bosakhutleng.
18Gonne go bua jaana Jehofa yo o tlhodileng magodimo; ke ene Modimo; o o bopileng lefatshe wa le dira; o ne wa le tlhomamisa, o ne o se ka wa le tlholela lefela, wa le bopela go ungwa; a re: “Ke nna Jehofa, mme ga go na ope o sele.
19Ga ke a buela mo sephiring, mo felong ga lefatshe la lefifi; ga ke a ka ka raya losika lwa ga Jakobe, ka re: ‘Lo mpatlele lefela;’ nna Jehofa ke bua tshiamo, ke bolela dilo tse di siameng.”
20“Phuthegang, lo tle; atamelang mmogo lona ba merafe ba lo falotseng; ga ba na kitso, bone ba ba rwalang logong lwa setshwantsho se se setilweng sa bone, ba rapela modimo o o sa kakeng wa boloka.
21Bolelang, a go ntshiwe; ee, a ba gakololane mmogo, emang yo o supileng selo se e sa le bogologolo tala? Emang yo o se boletseng bogologolo? A ga se nna Jehofa? Mme ga go na Modimo ope o sele fa e se nna. Ke Modimo o o tekatekanyo ke bile ke mmoloki; ga go na ope kwa ntle ga me.
22Lebang kwa go nna, lo bolokwe lona lotlhe dikhutlo tsa lefatshe; gonne nna ke Modimo, mme ga go na ope o sele.
23Ke ikanne ka nna ka nosi, lefoko le dule mo molomong wa me mo tshiamong, mme ga le ketla le boa, la go re: ‘Mangole otlhe a tlaa nkhubamela, le diteme tsotlhe di tlaa ikana ka nna.’
24“Motho o tlaa nthaya a re: Mo go Jehofa a le esi go tshiamo le thata; le kwa go ene batho ba tlaa ya, le botlhe ba ba kileng ba ne ba mo gakaletse ba tlaa tlhajwa ke ditlhong.
25Jehofa ke ene yo losika lotlhe lwa Iseraele lo tlaa siamisiwang mo go ene, lo ba lo kgantsha ka ene.”