Tswana 1992 Bible - 22 verses
1“Utlwang se, lona ba ntlo ya ga Jakobe, ba lo bidiwang ka leina la Iseraele, ba lo duleng mo metsing a Juta; ba lo ikanang ka leina la ga Jehofa; lo umaka Modimo wa Iseraele, mme e seng mo boammaaruring, le fa e le mo tshiamong.
2Gonne ba ipitsa ba motse o o boitshepo, mme ba ikaega Modimo wa Iseraele; Jehofa wa masomosomo ke leina la one.
3“Ke boletse dilo tsa pele e sa le bogologolo; ee, tsa tswa mo molomong wa me, mme ka di supa; ka tshoganetso fela ka di dira, mme tsa dirafala.
4E re ka ke ne ke itse fa o le mokaka, le go re o thamo ya mosifa tshipi fela, le phatla ya gago fa e le kgotlho fela;
5ke gone ka mo ke go boleletseng go sa le bogologolo; e rile pele go e se go dirafale ka se go supetsa; e tlaa re gongwe o ka tla wa re: ‘Modimo wa me wa sesetwa o di dirile, setshwantsho se se setilweng sa me, le setshwantsho se se tshetsweng sa me, di di laotse.’
6“O se utlwile; leba sone se sotlhe fela; mme lona a ga lo ketla lo se bolela? Ke go supeditse dilo tse dintšha go tloga fano bakeng lono, e bong dilo tse di subegileng, tse o ntse o sa di itse.
7Di tlhodilwe jaana, e seng gale bogologolo; mme pele ga letsatsi leno wena wa bo o ne o ise o di utlwe; e se re gongwe wa tloga wa re: ‘Bona, ke ne ke di itse.’
8Ee, ga o a ka wa utlwa; ee, ga o a ka wa itse; ee, e sa le bogologolo tsebe ya gago e ntse e sa kabologe; gonne ke ne ke itse fa o tle o ferekane thata thata, mme o sa le o bidiwa motlodi le o tswa sebopelong.
9Ka ntlha ya leina la me ke tlaa nama ke sa diile bogale jwa me, le ka ntlha ya pako ya me ke tlaa ikgogona mo go wena, gore ke se ka ka go poma fela.
10Bona, ke go itshekisitse, mme e seng jaaka selefera; ke go itshenketse mo bokepisong jwa pogiso.
11Ka ntlha ya me ka nosi, ka ntlha ya me ka nosi, ke tlaa se dira; ka go re, ana leina la me le a bo le ka tlhapadiwa jang? Le gone kgalalelo ya me ga nketla ke e naya o sele.”
12“Ntheetsa, wena Jakobe, le Iseraele mmidiwa wa me; ke nna ene; ke wa ntlha, ke bile ke nna wa bofelo.
13Ee, seatla sa me se thaile motheo wa lefatshe, seatla sa me se segolo se phutholotse magodimo, ya re ke a bitsa a nanogela gongwe fela.
14Phuthegang, lona lotlhe, mme lo utlwe; e mang mo go lona yo o boletseng dilo tse? Jehofa o mo ratile; o tlaa dira go kgatlhega ga gagwe mo Babilone, letsogo la gagwe le tlaa nna mo go Bakalatea.
15Nna, e leng nna, ke buile. Ee, ke mmiditse, ke mo tlisitse, mme o tlaa dira tsela ya gagwe e nna letlhogonolo.
16Nkatamelang lona, lo utlwe se; e sa le ka tshimologo ga ke ise ke ke ke bue mo sephiring; e sa le ka lobaka lo go le go ntse ka lona, ke ntse ke le gone.” Mme jaanong Jehofa o nthomile, le mowa wa gagwe.
17Go bua jaana Jehofa, Morekolodi wa gago, Moitshepi wa Iseraele, a re: “Ke nna Jehofa, Modimo wa gago, yo ke go rutang go itsholegela molemo, yo ke go gogang mo tseleng e o tshwanetseng go tsamaya ka yone.
18A bo o ka bo o reeditse ditaolo tsa me, kagiso ya gago e ka bo ne ne fano e ntse jaaka noka, le tshiamo ya gago jaaka dinteelo tsa lewatle.
19Losika le lone lwa gago lo ka bo lo ntse jaaka mošawa, le matlhogela a mala a gago jaaka mabu a one; leina la gagwe le ka bo le sa kgaolwa le fa e le go senngwa fa pele ga me.”
20Tswang, lo tswe mo Babilone, Bakalatea lo ba tshabeng; ka lentswe la kopelo lo kakanye se, lo se bolele, lo se bolelele le kwa sekhutlong sa lefatshe; lo re: “Jehofa o rekolotse Jakobe motlhanka wa gagwe.”
21E rile a ba ralatsa dikaka ga ba ka ba nyorwa; o ne a ba eledisetsa metsi a tswa mo lefikeng; a ba a arola lefika, mme metsi a phothosela.
22“Ga go na kagiso epe e e leng ya baikepi,” go bua Jehofa.