Tswana 1992 Bible - 26 verses
1Ntheetsang, lona ditlhake; lo reetse, lona ditšhaba lo le kgakala; Jehofa o mpiditse ke sa le ke tswa sebopelong; ke sa le ke tswa mo maleng a ga mme o ntse a umaka leina la me.
2O dirile molomo wa me go nna jaaka tšhaka e e bogale; o mphitlhile mo moriting wa seatla sa gagwe; o ntirile motswi o o gotlhegileng, o mpolokile thata mo mokotlopong wa gagwe.
3A nthaya a re: “O motlhanka wa me; o Iseraele, yo ke tlaa galalediwang mo go wena.”
4Mme nna ka re: “Ke diretse lefela, ke feditse thata ya me ka bosengsepe le ka boithamako fela; le fa go ntse jalo ruri go siamisiwa ga me go tlaa bo go le mo go Jehofa, le tuelo ya me mo Modimong wa me.”
5Jaana, go bua Jehofa, yo o mpopetseng go nna motlhanka wa gagwe ke sa le ke tswa sebopelong, go tlaa ke busetsa Jakobe kwa go ene, le gore Iseraele a phuthelwe kwa go ene; (gonne aitse nna, ke tlotlego mo matlhong a ga Jehofa, Modimo wa me o diregile thata ya me).
6Ee, a re: “Ke selo se se motlhofo bobe fa o ka nna motlhanka wa me gosi, go tsosa ditso tsa ga Jakobe, le go busa ba ba neng ba bolokilwe ba Iseraele; le gone ke tlaa go ntsha gore o nne lesedi la merafe, gore o tle o nne poloka ya me kwa sekhutlong sa lefatshe.”
7Go bua jaana Jehofa, morekolodi wa Iseraele, le Moitshepi wa gagwe, o raya ene yo motho o mo nyatsang, ene yo o fedisang morafe pelo, le motlhanka wa balaodi, a re: “Dikgosi di tlaa bona di ba di nanoga; dikgosana di tlaa obama; ka ntlha ya ga Jehofa yo o boikanngo, e bong Moitshepi wa Iseraele yo o go itshenketseng.”
8Go bua jaana Jehofa, a re: “Ke go arabile mo lobakeng lo lo lebosegang le mo letsatsing le e leng la poloko ke go thusitse; mme ke tlaa go dibela, ke go ntsha gore o nne kgolagano ya batho go rudisa lefatshe, le go ba jesa maswa a a swafetseng;
9go raya bagolegwi, go re: ‘Tswang;’ go raya ba ba mo lefifing go re: ‘Iponatseng.’ Ba tlaa fula mo ditseleng, mme bofulo jwa bone bo tlaa nna mo dithoteng tse di leforotlho.
10Ga ba ketla ba bolawa ke tlala, le fa e le ke lenyora; le mogote ga o ketla o ba tlhapela le fa e le letsatsi; gonne ene yo o ba utlwelang botlhoko o tlaa ba goga, le ka fa go e e leng metswedi ya metsi o tlaa ba etelela pele.
11“Dithaba tsa me tsotlhe ke tlaa di dira tsela, le ditsela tsa me tsa meheru di tlaa goletsega.
12Bonang, ba, ba tlaa tswa kgakala; mme bonang ba, ba tlaa tswa botsheka le kwa bophirimatsatsi; le ba, ba tlaa tswa lefatsheng la Sinime.”
13Opelang, lona magodimo; o ipele wena lefatshe; ponyegang mo kopelong, lona dithaba; gonne Jehofa o gomoditse batho ba gagwe; mme o tlaa tlhomogela babogisiwa ba gagwe pelo.
14Sione ene a re: “Jehofa o ntlhadile, Morena o ntebetse.”
15“A mosadi o ka lebala losea lwa gagwe lo lo anyang, gore a tle a se ka a tlhomogela ngwana wa sebopelo sa gagwe pelo? Ee, bao ba ka tla ba lebala, mme wena, le fa go ntse jalo ga nketla ke go lebala.
16Bona ke go setile ka fa teng ga diatla tsa me; dithako tsa gago di ntse fa pele ga me ka gale le ka gale.
17Bana ba gago ba a akofa; basenyi ba gago ba ba go kgakgabaditseng ba tswa mo go wena.
18Tsholetsa matlho a gago o lebalebe, o bone; bao, botlhe, ba a phuthega, ba tla mo go wena. Jaaka ke tshedile, go bua Jehofa, o tlaa ikapesa ka bone botlhe jaaka ka mokgabo, o ikgoma ka bone jaaka monyadwi.
19“Gonne, ka ga mafelo a a kgakgabetseng a gago, le a a swafetseng, le lefatshe la gago le le sentsweng, ruri jaanong, banni ba tlaa pitlagana bobe, mme ba ba kileng ba go kometsa ba tlaa nna kwa kgakala.
20Bana ba tatlhegelo ya gago ba tlaa nama ba bua mo ditsebeng tsa gago, ba re: ‘Ke pitlaganye mo felong fa, nkatogela, gore ke nne.’
21Foo o tlaa ithaya mo pelong, o re: ‘Ana emang yo o ntsaletseng bone ba, etswa ke ne ke latlhegetswe ke bana ba me, ke le mokojwi, ke le mofaladi, ke kailakaila fela? Emang yo o otlileng bone ba? Bona, ke ne ke tlogetswe ke le nosi; bone ba, ba ne ba le kae?’ ”
22Go bua jaana Morena Modimo, a re: “Bonang ke tlaa tsholeletsa merafe seatla sa me, ke tlhomela ditšhaba mokgele wa me, mme ba tlaa tlisa bomorwao mo difubeng tsa bone, le bomorwadio ba tlaa sikarwa mo maruding a bone.
23Dikgosi di tlaa nna borraago ba ba go otlang, le bahumagadi ba tsone bommaago ba ba go otlang; di tlaa go ikobela di isa difatlhogo tsa tsone mo mmung, di latswa lorole lwa dinao tsa gago; mme o tlaa itse fa ke le Jehofa, le go re ba ba ntebelelang ga ba ketla ba tlhajwa ke ditlhong.”
24A thopo e tlaa tseelwa diganka, kgotsa ba ba golegilweng ka fa tshwanong a ba tlaa gololwa?
25Go bua jaana Jehofa, a re: “Le ba e leng bagolegwi ba diganka ba tlaa tsewa, le se se gapilweng ke ba ba boitshegang se tlaa gololwa; gonne ke tlaa ganela le ene yo o ganelang nao, mme ke tlaa boloka bana ba gago.
26Ba ba go patikang ke tlaa ba jesa nama ya bone; ba tlaa tagwa ke madi a bone, jaaka ka bojalwa jo bo botshe; mme nama yotlhe e tlaa itse go re Nna Jehofa ke mmoloki wa gago le morekolodi wa gago, Mothata wa ga Jakobe.”