Tswana 1992 Bible - 12 verses
1E mang yo o dumetseng polelo ya rona, le lone letsogo la ga Jehofa le senoletswe mang?
2Gonne o ne a gola fa pele ga gagwe jaaka setlhatshana se setalana, le jaaka motswe o o tlhogang mo mmung o o omeletseng; ga a na setshwano le fa e le bontle; mme fa re mmona, ga go na bontle jo re ka bong re mo eletsa ka jone.
3O ne a nyadiwa, a ba a ganwa ke batho; monna wa mahutsana, a tlwaetse pelo e botlhoko; a nyadiwa jaaka mongwe yo batho ba mo subelang difatlhogo tsa bone, mme ra se ka ra mo ngoka.
4Ruri, o ntse a rwele pelodibotlhoko tsa rona, a sikere mahutsana a rona; le fa go ntse jalo ra mo kaya go re, o bediwa fela, a itewa ke Modimo fela, a bogisiwa fela.
5O na a ntshediwa ditlolo tsa rona matsanko, a teketelwa maikepo a rona; petso e e re direlang kagiso e ne e le mo go ene; re bile re fodisiwa ka dingalo tsa gagwe.
6Rona rotlhe re timetse jaaka dinku; mongwe le mongwe o fapogetse kwa tseleng e e leng ya gagwe; mme Jehofa o kokoanyeditse maikepo otlhe a rona mo go ene.
7O ne a patikwa, le fa go ntse jalo a ikisa tlase fela, a se ka a ba a tswa molomo; jaaka kwanyana e e gogelwang kwa tlhabong, le jaaka nku e le semumu fa pele ga babeodi ba yone. Ee, ga a ka a tswa molomo gope.
8O ne a tlosiwa ka patiko le tshekiso; mme emang mo go ba ga gabo yo o akantseng go re, kana o kgaolwa fela mo lefatsheng la batshedi? O ne a belediwa tlolo ya batho ba me.
9Phupu ya gagwe ba e dira ya nna le tsa baikepi, mme a nna le bahumi mo losong lwa gagwe; le fa a se ka a dira tshenyo gope, le gone go ne go se na tsietso epe mo molomong wa gagwe.
10Le fa go ntse jalo ga kgatlha Jehofa go mo teketa; o mo tlhokofaditse pelo. Mogang o dirang mowa wa gagwe go nna tshupelelo ya boleo, o tlaa bona losika lwa gagwe, o tlaa lelefatsa malatsi a gagwe, le go kgatlhega ga Jehofa go tlaa kokotlegela mo seatleng sa gagwe.
11O tlaa bona ga mabote a mowa wa gagwe, mme go tlaa mo ya le pelo; motlhanka wa me yo o siameng o tlaa siamisa batho ba le bantsi ka kitso ya gagwe; mme o tlaa belega maikepo a bone.
12Ke gone ka moo ke tlaa mo abelang kabelo mo bagolong, mme o tlaa kgaogana thopo le bathata; gonne o nne a goromeletsa mowa wa gagwe losong, a balwa le batlodi; le fa go ntse jalo o ne a rwele boleo jwa batho ba le bantsi, le batlodi a ba rapelela thata.