Tswana 1992 Bible - 15 verses
1Kubuga, kubuga o apare nonofo ya gago, wena Sione; apara diaparo tsa gago tse dintlentle wena Jerusalema; motse o o boitshepo; gonne go tloga fano gompieno ga go ketla go tlhola go tsena mo go wena ba ba sa rupang le ba ba itshekologileng.
2Itlhotlhore lorole; nanoga, o dule fa fatshe wena Jerusalema; o ikhunolole mo dikgoleng tsa thamo ya gago, wena motshwarwa, morwadia Sione.
3Gonne go bua jaana Jehofa, a re: “Lo ne lo rekisitswe ka bosengsepe, mme lo tlaa rekololwa fela go se na madi.”
4Gonne go bua jaana Morena Modimo, a re: “E rile pele batho ba me ba fologela kwa Egepeto, ba ya go jaka gone. Moasiria le ene a ba patika ba se na molato.
5Jaana, ka re: Ereka batho ba me ba tlosediwa bosengsepe fela, ke a bo ke dirang fano?” Go bua Jehofa: “Ba ba ba laolang ba a bopa, le leina la me le tlhola le ntse le tlhapadiwa ka letsatsi lotlhe fela.
6Ke gone ka mo batho ba me ba tlaa itseng leina la me; ke gone ba tlaa itseng mo letsatsing leo go re, ke Nna yo ke buang; bonang, ke Nna.”
7Di dintle jang mo dithabeng dinao tsa gagwe yo o tlisang mafoko a a molemo, yo o utlwatsang kagiso, yo o tlisang mafoko a mantle a a molemo, yo o utlwatsang poloko; yo o rayang Sione, a re: “Modimo wa gago o a busa!”
8A lentswe la balebedi ba gago! Ba tsholetsa lentswe, ba opela mmogo; gonne ba tlaa bona ba lebanye mo matlhong, mogang Jehofa o boelang mo Sione.
9Ponyegang ka boitumelo, lo opele mmogo lona mafelo a a kgakgabetseng a Jerusalema; gonne Jehofa o gomoditse batho ba gagwe, o rekolotse Jerusalema.
10Jehofa o apotse letsogo la gagwe le le boitshepo mo matlhong a merafe yotlhe; mme dikhutlo tsotlhe tsa lefatshe di tlaa bona poloka ya Modimo wa rona.
11Tsamayang, tsamayang, lo tswe gone, lo se ka lwa ama sepe se se itshekologileng; tlogang, lo tswe mo gare ga gone; lo nne bantle, lona ba lo rweleng dijana tsa ga Jehofa.
12Gonne ga lo ketla lo tswa ka potlako, le gone ga lo ketla lo tsamaya ka go tshaba; gonne Jehofa o tlaa lo etelela pele; Modimo wa Iseraele o tlaa nna tshimega ya lona.
13Bonang, motlhanka wa me o tlaa dira ka botlhale, o tlaa golediwa a ba a tsholediwa, mme o tlaa nna kwa godimo thata.
14Jaaka batho ba le bantsi ba ne ba go gakgamaletse, (sefatlhogo sa gagwe se ne se senyegile bogolo go sa batho botlhe, le setshwano sa gagwe bogolo go sa bomorwa batho),
15jalo o tlaa sisimosa merafe e le mentsi; dikgosi di tlaa mo momela melomo ya tsone; gonne se ba neng ba ise ba ke ba se bolelelwe ba tlaa se bona; le sone se ba iseng ba ke ba se utlwe ba tlaa se tlhaloganya.