Tswana 1992 Bible - 22 verses
1Tsoga o phatsime; gonne lesedi la gago le fitlhile, le kgalalelo ya ga Jehofa e go tlhabetse.
2Gonne bona, lefifi le tlaa bipa lefatshe, le lefifi le lentshontsho le tlaa bipa ditšhaba; mme wena Jehofa o tlaa go tlhabela, le kgalalelo ya gagwe e tlaa bonala mo go wena.
3Merafe e tlaa tla leseding la gago, le dikgosi di tlaa tla phatsimong ya go tlhaba ga gago.
4Tsholetsa matlho a gago o lebe, o kobakobe; ba phuthega botlhe mmogo ba tla kwa go wena; bomorwao ba tla, ba tswa kgakala, le bomorwadio ba tlaa tsholwa ka mabogo.
5Foo o tlaa ba bona ka boipelo, mme pelo ya gago e tlaa tlala boitumelo; gonne letlotlo la lewatle le tlaa busediwa kwa go wena, mahumo a merafe a tlaa tla kwa go wena.
6Dikamela di tlaa go khurumetsa ka bontsi, dikamelana tsa Midiane le Efa; Bašeba ba tlaa tla botlhe; ba tlaa lere gouta le maswalo, ba tlaa bolela dipako tsa ga Jehofa.
7Matsomane otlhe a Ketare a tlaa phuthegela kwa go wena, diphelefu tsa Nebaiothe di tlaa go direla; di tlaa tla mo sebesong sa me ka tebosego, mme ke tlaa galaletsa ntlo ya kgalalelo ya me.
8Ke bomang ba, ba ba fofang jaaka leru, le jaaka maeba a ya marobeng a one?
9Ruri ditlhake di tlaa nteta, le dikepe tsa Tarešiše pele, go lere bomorwao ba tswa kgakala, le selefera sa bone le gouta ya bone nabo, ka ntlha ya leina la ga Jehofa Modimo wa gago, le ka ntlha ya Moitshepi wa Iseraele, ka gobo a go galaleditse.
10Baeng ba tlaa tsosa ba aga dithako tsa gago, le dikgosi tsa bone di tlaa go direla; gonne ke ne ka go betsa mo tšhakgalong ya me, mme mo botsalanong jwa me ke go utlwetse botlhoko.
11Dikgoro tsa gago le tsone di tlaa nna di bulegile ka gale le ka gale; ga di ketla di tswalwa motshegare le bosigo; gore batho ba tlise mo go wena mahumo a merafe, le dikgosi tsa bone di tlaa gogwa nabo.
12Gonne morafe o o tlaa ganang go go direla, le bogosi, ba tlaa nyelela; ee, merafe eo, e tlaa senyediwa ruri.
13Kgalalelo ya Lebanone e tlaa tla mo go wena, setlhare sa mophane le sa mogonono di le mmogo le monato; go ntlefatsa felo ga me ga boitshepo, mme ke tlaa galaletsa felo ga dinao tsa me.
14Bomorwaa bone ba ba kileng ba ne ba go patika ba tlaa tla ba go ikobetse; botlhe ba ba kileng ba ne ba go nyatsa, ba tlaa khutšhama fa dipatong tsa dinao tsa gago; mme ba tlaa go raya leina ba re: Motse wa ga Jehofa, Sione wa Moitshepi wa Iseraele.
15E re ka o ntse o tlhadilwe o ilwa, ga tsamaya ope a se ka a go ralala, ke tlaa go dira go nna boitlotlomatso jo bo sa khutleng, boitumelo jwa ditshika di le dintsi.
16Le gone o tlaa anya maši a merafe, o tlaa anya a dikgosi; mme o tlaa itse fa Nna Jehofa ke le Mmoloki wa gago, le Morekolodi wa gago, Mothata wa ga Jakobe.
17Mo boemong jwa kgotlho ke tlaa lere gouta, le kgotlho boemong jwa logong, ke lere selefera boemong jwa tshipi, le tshipi boemong jwa maje; ke tlaa dira maotlana a gago kagiso, le badirisi ba gago tshiamo.
18Go thubaka ga go ketla go tlhola go utlwala mo lefatsheng la gago, le fa e le tshwafatso kgotsa tshenyo mo teng ga melelwane ya gago; o tlaa raya dithako tsa gago leina o re: Poloka, le dikgoro tsa gago o re: Pako.
19Letsatsi ga le ketla le tlhola e le lesedi la gago motshegare, le kgwedi ka go phatsima ga e ketla e go naya lesedi; mme Jehofa o tlaa nna lesedi la gago le le sa khutleng; le Modimo wa gago o tlaa nna kgalalelo ya gago.
20Letsatsi la gago ga le ketla le tlhola le phirima, le kgwedi ya gago ga e ketla e tlhola e kotlomela; gonne Jehofa o tlaa nna lesedi la gago le le sa khutleng, mme malatsi a khutsafalo a gago a tlaa bo a khutlile.
21Batho ba gago le bone ba tlaa nna tshiamo botlhe, ba tlaa rua lefatshe ka bosenabokhutlo; e le kala ya go tlhongwa ga me, e le tiro ya diatla tsa me, gore ke tle ke galalediwe.
22Yo monnye o tlaa tla a nna sekete, le yo mmotlana a nna morafe o o thata; nna Jehofa ke tlaa go akofisa mo motlheng wa gone.