Tswana 1992 Bible - 11 verses
1Mowa wa Morena Modimo o mo go nna; gonne Jehofa o ntloleditse go rerela ba ba pelonolo mafoko a a molemo; o nthomile gore ke fape ba ba pelo di phatlogileng, go bolelela batshwarwa kgololo, le ba ba golegilweng, go re ntlo ya kgolegelo e budilwe.
2Go bolela ngwaga o o lebosegang wa ga Jehofa, le letsatsi la pusoloso ya Modimo wa rona; go gomotsa botlhe ba ba hutsafetseng;
3go laolela ba ba hutsafetseng mo Sione, go ba naya mokgabo wa ditšheše boemong jwa melora, lookwane lwa boitumelo boemong jwa khutsafalo, seaparo sa pako mo boemong jwa mowa wa ngodiego; gore ba bidiwe ditlhare tsa tshiamo, tse di tlhomilweng ke Jehofa, gore a galalediwe.
4Ba tlaa aga marope a magologolo, ba tlaa tsosolosa fa go swafetseng ga pele, ba tlaa mamatlelela metse e e kgakgabetseng marope a ditshika di le dintsi.
5Baeng ba tlaa ema ba fudisa matsomane a lona, ba ditšhaba ba tlaa nna balemedi ba lona le babaakanyetsi ba lona ba mafine.
6Lona lo tlaa bidiwa baperesiti ba ga Jehofa; batho ba tlaa lo bitsa badiredi ba Modimo wa rona; lo tlaa ja mafumo a merafe, lo tlaa itlotla ka kgalalelo ya yone.
7Mo boemong jwa ditlhong tsa lona lo tlaa amogela sebedi; mme mo boemong jwa tsielo ba tlaa itumela mo kabelong ya bone; ke gone ka mo ba tlaa ruang sebedi mo lefatsheng la bone; boitumelo jo bo sa khutleng bo tlaa nna mo go bone.
8Gonne nna Jehofa ke rata tshiamiso, ke ila bogodu bo na le boikepo; ke tlaa ba naya maduo a bone mo boammaaruring, ke dira kgolagano e e sa khutleng nabo.
9Losika lwa bone lo tlaa itsiwe mo merafeng le matlhogela a bone mo ditšhabeng; botlhe ba ba ba bonang ba tlaa ba dumela fa e le bone losika lo Jehofa o lo segofaditseng.
10Ke tlaa itumela thata mo go Jehofa, mowa wa me o tlaa ipela mo Modimong wa me, ka o nkapesitse diaparo tsa poloko, o mpipile ka kobo ya tshiamo, jaaka monyadi o tle a ikgabise ka mokgabo wa ditsheše, le jaaka monyadwi a tle a ikgabise ka mekgabo ya gagwe e e tsabakelang.
11Gonne jaaka lefatshe le tle le ntshe go kukunya ga lone, le jaaka tshimo e tle e tlhabise dijalo tsa yone; jalo Morena Modimo o tlaa tlhogisa tshiamo le pako fa pele ga merafe yotlhe.