Tswana 1992 Bible - 19 verses
1E mang yo, yo o tswang kwa Etome, a le diaparo tse di bohibidu jo bo mokgona, a tswa kwa Bosera? Yo o galalelang ka diaparo tsa gagwe, a sepela mo bogolong jwa thata ya gagwe? âKe nna yo ke buang mo tshiamong, ke le mothata mo go bolokeng.â
2Ke ka ntlha yang fa e bo ne ne o le diaparo tse di bohibidu, o le diaparo tse di ntseng jaaka tsa yo o gatang sedibeletso sa bojalwa jwa mofine?
3âKe gatile sedibeletso sa bojalwa jwa mofine ke le nosi fela; mme go ne go se na ope wa ditÅ¡haba le nna; ee, ke ba gatile mo boraleng jwa me, ke ba sobotlile mo tÅ¡arologong ya me; madi a bone a mahibidu a gasegetse diaparo tsa me, ke bile ke hubiditse diaparo tsa me tsotlhe fela.
4Gonne letsatsi la pusoloso le ne le le mo pelong ya me, le ngwaga wa barekolodwi ba me o fitlhile.
5Mme ka leba, mme go ne go se na ope yo o thusang; mme ka gakgamala ka go se na ope yo o tshegetsang; ke gone ka mo letsogo la me ka nosi la nteretse poloko, le tšarologo ya me ya ntshegetsa.
6Ka gataka ditÅ¡haba ka bogale jwa me, ka ba taga mo tÅ¡arologong ya me; mme madi a mahibidu a bone ka a tshololela fa fatshe.â
7Ke tlaa umaka mapelonomi a lorato a ga Jehofa, le dipako tsa ga Jehofa ka fa dilong tsotlhe tse Jehofa o di re neileng; le molemo o mogolo wa gagwe ka ga ntlo ya Iseraele, o o o ba neileng ka fa mautlwelong botlhoko a gagwe, le ka fa bontsing jwa mapelonomi a gagwe a lorato.
8Gonne a re: âRuri, ke batho ba me, ke bana ba ba se ketlang ba dira ka boferefere;â jalo a nna mmoloki wa bone.
9Mo dipogisong tsotlhe tsa bone le ene a bogisiwa, moengele wa gagwe yo o emelang ene, a ba boloka; a ba rekolola ka lorato lwa gagwe, le ka pelotlhomogi ya gagwe; a ba belega, a ba sikara ka malatsi otlhe a bogologolo.
10Mme ba ne ba tsuolola ba utlwisa mowa wa gagwe o o boitshepo botlhoko; ke gone o ne a fetoga a nna mmaba wa bone, ene ka esi a tlhabana nabo.
11Foo a gakologelwa malatsi a bogologolo, Moše, le batho ba gagwe, a re: O kae yo o kileng a ba tlhatlosa mo lewatleng a na le badisa ba letsomane la gagwe? O kae ene yo o ne a tsenya mowa wa gagwe o o boitshepo fa gare ga bone?
12A tsamaisa letsogo la gagwe le le galalelang ka fa ntlheng ya letsogo le legolo la ga Moše? A tsetsereganya metsi fa pele ga bone, go itirela leina le le sa khutleng?
13A ba goga, a ba ralatsa madiba a a boteng jaaka pitse mo nageng fela, ba tla ba se ka ba kgopiwa?
14Jaaka matlhape a a fologelang mo mokgatšheng, mowa wa ga Jehofa wa ba ikhutsisa; o ne wa goga batho ba gago jalo go itirela leina le le galalelang.
15Okomela o le mo legodimong, mme o bone o le mo bonnong jwa gago jo bo boitshepo, le jwa kgalalelo ya gago; tlhoafalo ya gago e kae, le ditiro tsa gago tsa nonofo? Go tlhologelelwa ga mala a gago go ikgogonne, le one mapelotlhomogi a gago ka ga me.
16Gonne o rraetsho, le fa Aberahame a sa re itse, le Iseraele a sa re dumele; wena Jehofa o rraetsho: Morekolodi go tswa bosenangtshimologo ke leina la gago.
17Ana Jehofa o a bo o re faposetsang ditsela tsa gago, dipelo tsa rona o di thatafaletsang poifo ya gago? Bowa ka ntlha ya batlhanka ba gago, ditso tsa boswa jwa gago.
18Batho ba gago ba ba boitshepo ba ne ba bo rua ka lobakanyana fela; baganetsi ba rona ba gatakile felo ga gago ga boitshepo.
19Re fetogile re ntse jaaka batho ba o e seng o ke o ba laole gope; jaaka ba ba neng ba sa bidiwa ka leina la gago.