Tswana 1992 Bible - 12 verses
1Ka ntlha ya Sione ga nketla ke didimala, le ka ntlha ya Jerusalema ga nketla ke itapolosa, go tsamaya tshiamo ya gagwe e tswela kwa ntle jaaka phatsimo, le poloko ya gagwe jaaka lobone lo lo tukang.
2Merafe e tlaa bona tshiamo ya gago, le dikgosi tsotlhe kgalalelo ya gago, mme o tlaa retwa ka leina le leša le molomo wa ga Jehofa o tlaa le go rayang.
3Le gone o tlaa nna serwalo sa bogosi se sentle mo seatleng sa ga Jehofa, le mofapatlhogo wa segosi mo seatleng sa Modimo wa gago.
4Ga o ketla o tlhola o bidiwa Molatlhiwa; le gone lefatshe la gago ga le ketla le tlhola le bidiwa Marope; mme wena o tlaa bidiwa Hefesiba, le lefatshe la gago le tlaa bidiwa Beula, gonne Jehofa o kgatlhega thata mo go wena, le lefatshe la gago le tlaa nyalwa.
5Gonne jaaka lekau le tle le nyale kgarebane, jalo bomorwao ba tlaa go nyala; le jaaka monyadi a tle a itumelele monyadwi, Modimo wa gago o tlaa itumelela wena fela jalo.
6Ke tlhomile balebedi mo dithakong tsa gago wena Jerusalema, ga ba ketla ba didimala gope motshegare le bosigo, lona ba lo leng bagakolodi ba ga Jehofa.
7Go se ka ga itapolosa lona, le ene lo se ka lwa mo lesa a itapolosa, go tsamaya a tlhomamisa, le go tsamaya a dira Jerusalema pako mo lefatsheng pele.
8Jehofa o ikanne ka seatla sa gagwe se segolo le ka letsogo la thata ya gagwe, a re: “Ruri ga nketla ke tlhola ke ntsha mabele a gago go nna dijo tsa baba ba gago; le gone baeng ga ba ketla ba nwa bojalwa jwa mofine jwa gago, jo o ineileng letsapa ka ga jone.
9Mme bone ba ba a roretseng mo disoeng ba tlaa a ja, ba baka Jehofa; le ba ba hodileng ba tlaa bo nwela mo malwapeng a felo ga me ga boitshepo.”
10Tsenang, tsenang ka dikgoro; baakanyang tsela ya batho; tlhatlosang, tlhatlosang tsela ya mheru; olang maje; tsholeletsang ditšhaba mokgele.
11Bonang, Jehofa o boletse le kwa sekhutlong sa lefatshe, a re: Rayang morwadia Sione lo re: “Bona, Poloka ya gago o etla, bona, tuelo ya gagwe o na nayo, le maduo a gagwe a fa pele ga gagwe.”
12Mme ba tlaa ba raya ba re: Batho ba ba boitshepo, Barekolodiwi ba ga Jehofa; mme wena o tlaa bidiwa Mmatlilwi, Motse o o sa tlogelwang.