Tswana 1992 Bible - 19 verses
1Mafoko a ga Jeremia morwa Hilekia, wa baperesiti ba ba neng ba le kwa Anathothe mo lefatsheng la Benjamine,
2yo lefoko la ga Jehofa le kileng la tla kwa go ene mo metlheng ya ga Josia morwa Amone, kgosi ya Juta, ka ngwaga wa 13 wa puso ya gagwe.
3Le gone la tla mo metlheng ya ga Jehoiakime morwa Josia, kgosi ya Juta; go ya bofelong jwa ngwaga wa 11 wa ga Setekia morwa Josia, kgosi ya Juta; go ya kwa go tlosiweng ga ba Jerusalema ba le ditshwarwa ka kgwedi ya botlhano.
4Jaana lefoko la ga Jehofa la tla mo go nna, la re:
5โE rile ke ise ke go bopele mo sebopelong ka bo ke go itse, le o ise o tswe mo sebopelong ka bo ke go itshepisitse; ke go laoletse go nna moperofeti mo merafeng.โ
6Foo ka re: โAo, Jehofa Modimo! Bona, ga ke itse go bua, gonne ke ngwanyana fela.โ
7Mme Jehofa a nthaya a re: โSe re: โKe ngwanyana felaโ; gonne le fa e le bomang ba ke tlaa go romang kwa go bone o na le go ya fela, mme le fa e le eng se ke se go laolelang o na le go se bua fela.
8O se ka wa boifa ka ntlha ya bone, gonne ke na nao go go golola;โ go bua Jehofa.
9Foo Jehofa a ntsha seatla, mme a nkama molomo; mme Jehofa a nthaya a re: โBona ke tsentse mafoko a me mo molomong wa gago.
10Bona, ke go neile thata mo merafeng le mo magosing gompieno, go kumola le go phalolela fa fatshe, go senya le go ribegetsa; go aga le go tlhoma.โ
11Gape lefoko la ga Jehofa la tla mo go nna, la re: โJeremia, o bonang?โ Ka re: โKe bona thupa ya setlhare sa mothamane.โ
12Foo Jehofa a nthaya a re: โO bonye sentle, gonne ke dibetse lefoko la me ka tlhodumelo go tla ke le dirafatsa.โ
13Mme lefoko la ga Jehofa la tla mo go nna lwa bobedi, la re: โO bonang?โ Ka re: โKe bona pitsa e tona e e belang ka thata; mme marago a yone a sekametse kwa ntlheng ya botsheka.โ
14Foo Jehofa a nthaya a re: โBosula bo tlaa phunyegela banni botlhe ba lefatshe, bo tswa ntlheng ya botsheka.
15Gonne bona, ke tlaa bitsa ba makgotla otlhe a magosi a a kwa ntlheng ya botsheka;โ go bua Jehofa; mme ba tlaa tla, mme mongwe le mongwe o tlaa tlhoma setulo sa gagwe sa bogosi fa matsenong a dikgoro tsa Jerusalema, le fa tlase ga dithako tsa one mo tikologong, le fa tlase ga metse yotlhe ya Juta.
16โKe tlaa bolela ditshekiso tsa me ka ga boikepo jotlhe jwa bone; ka ba ntatlhile, ba fiseditse medimo e sele maswalo, ba obametse tse e leng ditiro tsa diatla tsa bone fela.
17โKe gone wena o ikokwaele lotheka, o nanoge, o bue nabo tsotlhe tse ke di go laolelang, o se ka wa tseanngwa ke bone, ka nka tla ka go tseanya fa pele ga bone.
18Gonne, bona, ka tsatsi leno ke go dirile motse o o thekeleditsweng, le tshipe lore, le dithako tsa kgotlho, kemalano le lefatshe lotlhe, kemalano le dikgosi tsa Juta, kemalano le dikgosana tsa teng, kemalano le baperesiti ba teng, le kemalano le batho botlhe ba lefatshe.
19Ba tlaa tlhabana nao; mme ga ba ketla ba go fenya; gonne ke na nao, go bua Jehofa, go go golola.โ