Tswana 1992 Bible - 37 verses
1Lefoko la ga Jehofa la tla mo go nna la re:
2“Ya o kue mo ditsebeng tsa Jerusalema o re: Go bua jaana Jehofa, a re: “Ke gakologetswe ka ga gago, bopelonomi jwa boroba jwa gago, lorato lwa peelelo ya gago; jaaka o ne wa ntshala morago mo nageng mo lefatsheng le le neng le sa lengwa.
3Iseraele o ne a le boitshepelo Jehofa, mabutswapele a totafalelo ya gagwe; botlhe ba ba mo jang ba mo fetsa, ba tlaa kaiwa molato; bosula bo tlaa ba wela, go bua Jehofa.”
4Utlwang lefoko la ga Jehofa lona ba ntlo ya ga Jakobe, le ba makgotla otlhe a Iseraele:
5Go bua jaana Jehofa, a re: “Borraeno ba bonye tshiamololo efe mo go nna, fa e bo ne ne ba ile kgakala le nna, mme ba latetse boithamako, ba thamakafetse jaana?
6Le gone ga baa ka ba re: ‘O kae Jehofa yo o re ntshitseng mo lefatsheng la Egepeto; yo o re gogileng a re ralatsa naga, a re goga mo lefatsheng la dikaka le la melete, mo lefatsheng la lokgere le moriti wa loso, mo lefatsheng le ope o sa le ralaleng, le kwa go sa agang ope teng?’
7Ka lo lere mo lefatsheng la letlotlo, lwa tla go ja loungo lwa lone, le molemo wa lone; mme e rile lo tsena, lwa leswefatsa lefatshe la me, lwa kgaphafatsa boswa jwa me.
8Baperesiti ga ba a ka ba re: ‘Jehofa o kae?’ le ba ba tshwarang molao ba ne ba sa nkitse; le badisa ba ne ba ntlolela, le baperofeti ba perofesa ka Baale, ba sala dilo tse di se nang thuso morago.”
9“Ke gone ke tlaa fela ke sa ntse ke ganetsanya le lona,” go bua Jehofa, “le bana ba bana ba lona ke tlaa ganetsanya nabo.
10Gonne kgabaganyetsang kwa ditlhakeng tsa Kupero, mme lo bone; lo romele kwa Ketare, lo akanye thata; lo bone, bo go kile ga ne go le tiro nngwe e e ntseng jalo.
11A morafe mongwe o kile wa ananya medimo ya one, le mororo e se medimo ya sepe? Mme batho ba me ba anantse se se senang thuso ka kgalalelo ya bone.
12Lona magodimo lo gakgamalele selo se, mme lo boife mo go remang marapo, lo swafale thata,” go bua Jehofa.
13“Gonne batho ba me ba dirile masula a le mabedi; ba latlhile nna yo ke leng motswedi wa metsi a a tshedileng, mme ba ikgabetse madu, madu a a phunyegileng, a a sa kakeng a tshegetsa metsi ape.”
14“Iseraele a o motlhanka? A o motlhanka yo o tsaletsweng mo gae? Ana go ntse jang ka a bile a ntse thopo fela?
15Ditau di ntse di mo dumela, di ntshitse dikodu tsa tsone: mme di kgakgabaditse lefatshe la gagwe; metse ya gagwe e fisitswe ka molelo, ga e na banni.
16Le bana ba Nofe le Tapanehese ba kutile phogo ya tlhogo ya gago.
17Golo mo a ga o a go iteretse, ka o latlhile Jehofa Modimo wa gago jale ka a go goga mo tseleng?
18Mme jaanong o na le eng se o se dirang mo tseleng e e yang Egepeto, go nwa metsi a Shihore? Kgotsa o na le eng se o se dirang mo tseleng e e yang Asiria, go nwa metsi a Noka?
19Boikepo jwa gago tota bo tlaa go otlhaya, le ditenego tsa gago di tlaa go kgalemela; ke gone itse o bo o bone fa e le selo se se bosula, le se se galakang, jaaka e le fa o latlhile Jehofa Modimo wa gago, e bile go mpoifa go seyo mo go wena, go bua Jehofa Modimo wa masomosomo.”
20“Gonne ke sa le ke roba jokwe ya gago bogologolo, ka komoganya dikgolego tsa gago; mme o rile: ‘Ga nketla ke mo direla’; gonne mo thoteng nngwe le nngwe e e godileng, le fa tlase ga setlhare sengwe le sengwe se setala, o ne wa ikoba, wa akafala.
21Le fa go ntse jalo ka bo ke ne ke go tlhomile o le mofine o montlentle, o le peo e e siameng ruri; ana o senyegile jang wa nna setlhatshana fela sa mofine o sele mo go nna?
22Gonne le fa o itlhapisa ka logolo, mme go itseela molora o le motona, le fa go ntse jalo boikepo jwa gago bo ntse setshubaba fela fa pele ga me”, go bua Jehofa Modimo.
23“O ka bua jang, wa re: ‘Ga ke a leswefala, ga ke a latela boBaale?’ Bona mokgwa wa gago mo molapong, itse se o se dirileng; o kamelana e e lobelo e e itsayatsayang motlhala.
24O esela ya nageng e e tlwaetseng bogareganaga, e e dupelelang mowa mo keletsong ya yone; mo palogong ya yone e mang yo o ka e sokololang? Tsotlhe tse di e tlhokang ga di ketla di ipolaisa letsapa; e tlaa re mo kgweding ya yone ba tlaa e bona fela.
25“O ithibe, gore o se ka wa nna lonao lo lo sa rwalang, le gore o se nne mometso o o lenyora; mme o rile: ‘Ga go na tsholofelo; nnyaa, ka gonne ke ratile baeng, mme ke bone ba ke tlaa ba latelang.’
26“Jaaka legodu le tle le tlhajwe ke ditlhong fa le tshwerwe, ba ntlo ya Iseraele ba tlhajwa ke ditlhong jalo; bone le dikgosi tsa bone, le dikgosana tsa bone, le baperesiti ba bone, le baperofeti ba bone;
27ba ba rayang logong ba re: ‘O rre’; le lentswe ba re: ‘O ntsetse,’ gonne ba nneile dikotla e seng difatlhogo; mme mo motlheng wa tlalelo ya bone ba tlaa re: ‘Nanoga, o re boloke.’
28“E kae medimo ya gago e o e itiretseng? A go nanoge yone, fa e na le go go boloka mo motlheng wa tlalelo ya gago; gonne medimo ya gago e kana ka palo ya metse ya gago, wena Juta.
29Ana lo ganeletsanyang le nna?” Lo ntloletse lotlhe. Go bua Jehofa.
30“Bana ba lona ke ba diteetse lefela; ga baa ka ba amogela thuto epe; tšhaka ya lona tota e biladitse baperofeti ba lona, jaaka tau e e senyang.
31Ao losika ke lona, lo bo lo bone lefoko la ga Jehofa. A ke ntse ke ntse jaaka naga fela mo go Iseraele? Kgotsa lefatshe la lefifi le lentsho? Ana batho ba me ba buelang ba re: ‘Re thobile; ga re ketla re tlhola re ya koo go wena’?
32A morweetsana o ka lebala mekgabo ya gagwe? Kgotsa monyadwi diaparo tsa gagwe? Le fa go ntse jalo batho ba me ba ntebetse ka malatsi a a se nang palo.
33Ana o baakanya jang tsela ya gago o ya go batla lorato! Ke gone ka moo le ba e leng basadi ba ba bosula o ba rutile mekgwa ya gago.
34Le mo dikojeng tsa diaparo tsa gago go fitlhelwa madi a bahumanegi ba ba se nang molato; ga o a ba tshwara mo felong fa go phuntsweng ntlo teng, fa e se mo mafelong a otlhe fela.
35Le fa go ntse jalo, o rile: ‘Ga ke na molato; ruri bogale jwa gagwe boa bo bo boile mo go nna.’ Bona, ke tlaa seka nao, ka o re: ‘Ga ke a leofa.’
36Ana o kgabatlolegelang mo go kanakana, o re o fetola mokgwa wa gago? O tlaa tlhajwa ke ditlhong le ka Egepeto, jaaka o ne wa tlhajwa ke ditlhong ka Asiria.
37Le kwa go ene o tlaa tswa o ithwele megono fela, gonne Jehofa o ganne ba o ba ikantseng, mme ga o ketla o tlhogonolofala mo go bone.