Tswana 1992 Bible - 18 verses
1Ga dirala e rile ka kgwedi ya bosupa, IĆĄemaele morwa Nethania, morwa EliĆĄame wa losika lwa segosi, e bile e le mongwe wa balaodisiwa ba bagolo ba kgosi, a na le banna ba le some, a tla mo go Getalia morwa Ahikame kwa Misepa, mme ba ja mmogo teng mo Misepa.
2Foo ga nanoga IĆĄemaele morwa Nethania, le banna ba ba some ba ba nang nae, mme ba itaya Getalia morwa Ahikame morwa Shafane ka tĆĄhaka, ba mmolaya, ene yo kgosi ya Babilone e mmeileng molaodisiwa mo lefatsheng.
3Le gone IĆĄemaele a bolaya Bajuta botlhe ba ba nang nae, ke go re ba ba nang le Getalia mo Misepa, le Bakalatea ba ba fitlhelwang teng, e bong batlhabani.
4Ga dirala ya re ka letsatsi la bobedi a sena go bolaya Getalia, mme ope a sa go itse,
5ga tla bangwe ba ba tswang kwa Shekeme, le kwa Shilo, le kwa Samaria, e bong batho ba ba 80 ba ipeotse ditedu ba ikgagotse diaparo, ba itshegakile, ba tla ba tshotse diromololo le maswalo a lebano, ba tla go di isa kwa ntlong ya ga Jehofa.
6IĆĄemaele morwa Nethania a tswa mo Misepa a ya go ba kgatlhantsha, a tla a lela; mme ga dirala ya re a kgatlhana nabo a ba raya a re: âTlang kwa go Getalia morwa Ahikame.â
7Ga dirala e rile ba fitlha mo gare ga motse, IĆĄemaele morwa Nethania a ba bolaya ka tĆĄhaka, a ba latlhela mo teng ga molete, ene le banna ba o nang nabo.
8Mme ga fitlhelwa mo go bone banna ba le some, mme ba raya IĆĄemaele ba re: âO se ka wa re bolaya, gonne re na le dithoto tse di fitlhilweng mo nageng, tsa mabele, tsa barele, tsa lookwane le tsa dinotshe.â Mme a ithiba, a se ka a ba bolaela mo go ba ga gabo.
9Jaana molete o IĆĄemaele o latlhetseng mo go one ditoto tsa batho ba o ba bolaetseng fa go Getalia, (ke one o Asa kgosi o kileng a o dira ka go boifa BaaĆĄa kgosi ya Iseraele), IĆĄemaele morwa Nethania a o katela ka bone ba ba bolailweng.
10Foo IĆĄemaele a tlosa masalela otlhe a batho ba ba mo Misepa e le ditshwarwa, e bong bomorwadia kgosi, le batho botlhe ba ba setseng mo Misepa, ba Nebusaratane molaodi wa balebedi o ne a ba neetse Getalia morwa Ahikame; IĆĄemaele morwa Nethania a ba tlosa e le ditshwarwa, mme a tloga a re o kgabaganyetsa kwa baneng ba Amone.
11E rile Johanane morwa Karea, le balaodi botlhe ba mephato e o ne a na nayo ba utlwa ka ga bosula jotlhe jo IĆĄemaele morwa Nethania o bo dirileng,
12foo ba tsaya banna botlhe, ba ya go tlhabana le IĆĄemaele morwa Nethania, mme ba mo fitlhela fa metsing a magolo a a kwa Gibeone.
13Jaana ga dirala ya re batho botlhe ba ba nang le IĆĄemaele ba bona Johanane morwa Karea, le balaodi botlhe ba mophato ba o nang nabo, foo ba itumela.
14Jalo batho botlhe ba IĆĄemaele o ne a ba tlositse kwa Misepa e le ditshwarwa ba retologa, ba boa, ba ya kwa go Johanane morwa Karea.
15Mme IĆĄemaele morwa Nethania a falola mo go Johanane a na le banna ba ba ferang mebedi, mme ba ya kwa baneng ba Amone.
16Foo Johanane morwa Karea, le balaodi botlhe ba mephato ba o nang nabo, ba tsaya masalela otlhe a batho ba o ba golotseng mo go IĆĄemaele morwa Nethania, ba ba tswang kwa Misepa, morago ga a sena go bolaya Getalia morwa Ahikame, e bong batlhabani le basadi, le bana le baopafadiwa, ba o ne a ba busitse kwa Gibeone.
17Mme ba tloga ba ya ba aga mo Geruthe Kimehame, o o fa Betheleheme, ba re ba ya go tsena kwa Egepeto,
18ka ntlha ya Bakalatea; gonne ba ne ba ba boifa, ka IĆĄemaele morwa Nethania a bolaile Getalia morwa Ahikame, yo kgosi ya Babilone e ne e mmeile molaodisiwa mo lefatsheng.