Tswana 1992 Bible - 5 verses
1Lefoko le Jeremia moperofeti o le buileng le Baruke morwa Neria, jale ka a kwala mafoko a mo lokwalong, ka molomo wa ga Jeremia, ka ngwaga wa bone wa ga Jehoiakime morwa Josia kgosi ya Juta, la re:
2βJehofa Modimo wa Iseraele o bua jaana, a go raya, wena Baruke, a re:
3O rile: βA motho wa mogolo nna! Gonne Jehofa o okeditse botlhoko jwa me ka bohutsana; ke lapile ka go fegelwa ga me, ga ke bone boikhutso bope.β
4βO mo reye jaana, o re: Jehofa o bua jaana, a re: βBona, se ke se agileng, ke tlaa se rutlolola, le se ke se tlhomileng ke tlaa se kumola; mme mo e tlaa bo e le ka lefatshe lotlhe fela.
5A o ipatlela dilo tse dikgolo? O se ka wa di batla, gonne ke tlaa tlisa bosula mo bathong botlhe, go bua Jehofa; mme botshelo jwa gago ke tlaa bo go naya gore bo nne kgapo ya gago mo mafelong otlhe kwa o yang teng.β β