Tswana 1992 Bible - 28 verses
1Lefoko la ga Jehofa le le tsileng mo go Jeremia moperofeti ka ga merafe.
2Ka ga Egepeto; ka ga ntwa ya ga Faro Neko kgosi ya Egepeto, e e neng e le fa nokeng ya Euferatese, mo Karekemiše, e Nebukatenesare kgosi ya Babilone o e kgemethileng ka ngwaga wa bone wa ga Jehoiakime morwa Josia, kgosi ya Juta.
3âBaakanyang thejana le thebe, mme lo atamele go tlhabana.
4Golegang dipitse, palamang, lona bapalami, ikemiseng ka ditlhoro tsa phemelo tsa lona; gotlhang marumo, Aparang meitshomelo ya phemelo.
5Ana ke go bonye ka ntlha yang? Ba a tseanngwa, ba buseditswe kwa morago; diganka tsa bone di batantswe, mme di tshabile ka thata di sa šebe kwa morago; theregiso e mo ntlheng tsotlhe, go bua Jehofa.
6Yo o bofefo a a se tshabe, a seganka se se falole; ntlheng ya botsheka fa nokeng ya Euferatese ba kgopilwe ba ole.
7âEmang yo, yo o hohomogang jaaka Nile, e metsi a yone a itlolakisang jaaka dinoka?
8Egepeto o hohomoga jaaka Nile, mme metsi a gagwe a itlolakisa jaaka dinoka; mme a re: âKe tlaa nanoga, ke khurumetsa lefatshe; ke tlaa senya motse le banni ba one.â
9Tlhatlogang, lona dipitse; šakgalang, lona dikara; mme a diganka tsa ntwa di tswele pele; ba Kuše le ba Pute, ba ba itseng go tshwara thebe; le Balute ba ba itseng go tshwara le go oba bora.
10Gonne letsatsi leo ke letsatsi lengwe la ga Jehofa, Jehofa wa masomosomo, letsatsi la tefetso, gore a tle a itefetse mo babeng ba gagwe; mme tšhaka e tlaa suputsa, e kgora, e tlaa nwa madi a bone ya kgora; gonne Jehofa, Modimo wa masomosomo o na le tlhabelo mo lefatsheng la botsheka fa nokeng ya Euferatese.
11âTlhatlogela kwa Gileate, mme o tseye gone boroku jo bo alafang, wena morwadia Egepeto wa kgarebana; o nwela melemo e le mentsi lefela; ga o na go fola.
12Merafe e utlwetse ditlhong tsa gago, le lefatshe le tletse go goa ga gago; gonne seganka se thulakanye le seganka, di ole tsoo pedi mmogo.â
13Lefoko le Jehofa o le buileng le Jeremia moperofeti, la ka fa Nebukatenesare kgosi ya Babilone o tlaa tlang ka gone a kgemetha lefatshe la Egepeto.
14âBolelang mo Egepeto, lo utlwatse mo Migetole, lo bo lo utlwatse mo Nofe le mo Tapanahese, lo re: âIkemise, o ipaakanye; gonne tÅ¡haka e supuditse mo tikologong ya gago.â
15Ana ba ba thata ba gago ba kgopholetswe koo ka ntlha yang? Ga ba a ka ba ema, ka gonne Jehofa o ba kgophotse.
16O ne a kgopisa ba le bantsi, ee, ba ne ba welana; mme ba re: âNanogang, a re boeleng kwa bathong ba ga rona, le kwa lefatsheng la ga rona, re tswe mo tÅ¡hakeng e e patikang.â
17Ba ne ba kua gone, ba re: âFaro, kgosi ya Egepeto ke modumo fela, o lesitse lobaka lo lo laotsweng lwa feta.â
18âJaaka ke tshedile, go bua Kgosi e leina la yone e leng Jehofa wa masomosomo, a re: Ruri jaaka Tabore a ntse mo gare ga dithaba, le jaaka Karemele a ntse fa lewatleng, ene o tlaa tla jalo.
19Wena ngwana wa mosetsana yo o agileng mo Egepeto, ipaakanye go tla o ya botshwarong; gonne Nofe o tlaa nna tshwafalo fela, o tlaa fisiwa, a tlhoka monni.
20âEgepeto ke kgomo ya moroba e ntle thata; mme tshenyego e e tswang ntlheng ya botsheka e tsile, e tsile.
21Banna ba gagwe ba ba thapilweng ka tuelo ba ntse jaaka dinamane tse di otlilweng mo gare ga gagwe; gonne le bone ba buseditswe kwa morago, ba tshabile mmogo, ga ba a ka ba ema; gonne letsatsi la tatlhego ya bone le tsile mo go bone, motlha wa tshekiso ya bone.
22âMokgwasa wa one o tlaa tsamaya jaaka wa noga; gonne ba tlaa tsamaela gongwe ka ntwa, ba tlaa mo tlhasela ka dilepe, jaaka baremi ba ditlhare.
23Ba tlaa rema sekgwa sa gagwe, go bua Jehofa, le fa se sa kake sa hukudiwa; ka gonne ba feta tsie, ba sena palo.
24Morwadia Egepeto o tlaa tlhabisiwa ditlhong; o tlaa tsenngwa mo seatleng sa batho ba botsheka.â
25Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, a re: âBonang, ke tlaa kgopholola Amone wa No, le Faro, le Egepeto, a na le medimo ya gagwe, le dikgosi tsa gagwe; e bong Faro le ba ba ikanyang mo go ene.
26Ke tlaa ba tsenya mo seatleng sa ba ba batlang botshelo jwa bone, le mo seatleng sa ga Nebukatenesare kgosi ya Babilone, le mo seatleng sa batlhanka ba gagwe; mme morago ga moo o tlaa nnwa jaaka mo metlheng ya bogologolo,â go bua Jehofa.
27âWena Jakobe motlhanka wa me, o se ka wa boifa, se rerege, wena Iseraele; gonne bona, ke tlaa go boloka o le kwa kgakala, le ba losika lwa gago ba le kwa lefatsheng la botshwaro jwa bone. mme Jakobe o tlaa boa, mme o tlaa nna mo thagamong le mo boiketlong, mme ga go na ope yo o tlaa mmoifisang.
28Jakobe motlhanka wa me, o se ka wa boifa, go bua Jehofa; gonne ke na nao; gonne ke tlaa khutlisetsa ruri merafe e ke go leleketseng kwa go yone, mme wena ga nketla ke go khutlisetsa ruri; mme ke tlaa go siamisa ka tekanyo, ga nketla ke go lesa gope o sa kgopololwa.â