Tswana 1992 Bible - 47 verses
1Ka ga Moabe. Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele o bua jaana, a re: âA bo go latlhega Nebo! Gonne o kgakgabaditswe; Kiriathaime o tlhabisitswe ditlhong, o gapilwe; kago ya phemela e tlhabisitswe ditlhong, mme e rutlologile.
2Pako ya Moabe ga e tlhole e le gone; ba mo logetse maano a a bosula mo HeÅ¡ebone, ba re: âNtlong, re mo khutliseng mo go tlholeng a le morafe.â Le wena, Matemene, o tlaa tuuladiwa, tÅ¡haka e tlaa go konatelela.
3A modumo wa go goa mo go tswang Horonaime: âGo thopa le go senya mo go golo!â
4Moabe o sentswe; banyana ba gagwe ba utlwaditse go goa.
5Gonne ba tlaa tlhatloga ka fa botlhatlogong jwa Luhithe ka selelo se se sa khutleng; gonne mo bofologong jwa Horonaime ba utlwile tlalelo ya go goa ga tshenyego.
6Tshabang, ipolokeng, mme lo nne jaaka logolo mo nageng.
7Gonne, e re ka o ikantse mo ditirong tsa gago le mo mahumong a gago, le wena o tlaa thopiwa; le Kemoše o tlaa tswa a ya botshwarong, baperesiti ba gagwe le dikgosana tsa gagwe mmogo.
8Mothopi o tlaa tla mo motseng mongwe le mongwe, mme ga go motse ope o o tlaa falolang; le molapo o tlaa šwa, le lobala lo tlaa senngwa; jaaka Jehofa a buile.
9Nayang Moabe diphuka, gore a fofe a ye koo; mme metse ya gagwe e tlaa nna tshwafalo, e sena ope yo o nnang gone.
10âA go hutsege ene yo o dirang tiro ya ga Jehofa a itshemeleditse, mme a go hutsege ene yo o kganelelang madi tÅ¡haka ya gagwe.â
11âMoabe o sa le a iketla ka bokau jwa gagwe, o sa le a itsheka mo dintshing tsa gagwe, ga a ka a tlhotlhwa a tswa nkgwaneng a ya nkgwaneng; ga a ka a ya botshwarong; ke gone ka moo moutlwalo wa gagwe o setse mo go ene, le monko wa gagwe ga o a fetoga.
12âKe gone bonang metlha e etla,â go bua Jehofa, âe ke tlaa romang kwa go ene bone ba ba tlhotlhang, mme ba tlaa mo tlhotlha; ba tlaa tsholola se se mo dijaneng tsa gagwe, mme ba tlaa thuba dinkgwana tsa gagwe.
13Moabe o tlaa tlhabisiwa ditlhong ke Kemoše, jaaka ba ntlo ya Iseraele ba ne ba tlhabisiwa ditlhong ke Bethele boikanyo jwa bone.
14âLo bua jang, lo re: âRe banna ba ba thata, re diganka tsa go dira ntwaâ?
15Moabe o kgakgabaditswe, ba tlhatlogetse mo metseng ya gagwe, mme makau a gagwe a a tlhophegileng a fologetse polaong,â go bua Kgosi, e leina la yone e leng Jehofa wa masomosomo.
16âTatlhego ya ga Moabe e atametse, le pitlagano ya gagwe e itlhaganela ka thata.
17Lona lotlhe ba lo mo tikologong ya gagwe, lo mo thukhuthele tlhogo, le lona lotlhe ba lo mo itseng leina, lo re: âAna lore lwa bogosi lo lo thata lo robegile jang, tsamma e ntle.â
18âWena ngwana wa mosetsana yo o agileng mo Dibone, fologa mo kgalalelong ya gago, mme o dulele mo lenyoreng; gonne mothopi wa Moabe o go bololetse, o sentse dikago tsa gago tse di thata tsa phemelo.
19Wena monni wa Aroere, ema fa tseleng o tlhodumele; botsa monna yo o tshabang, le mosadi yo o falolang; o re: âGo dirafetseng?â
20Moabe o tlhabisitswe ditlhong; gonne o rutlolotswe; bokolelang lo goe; lo go bolele mo Arenone, lo re: Moabe o kgakgabaditswe.
21âTshekiso e tsile mo lefatsheng la lobala; mo Holone, le mo Jahesa le mo Mefaathe;
22le mo Dibone, le mo Nebo, le mo Bethe-dibalathaime;
23le mo Kiriathaime, le mo Bethe-gamule, le mo Bethemeone;
24le mo Keriothe, le mo Bosera, le mo metseng yotlhe ya lefatshe la Moabe, e e kwa kgakala le e e fa gaufi.
25Lonaka lwa ga Moabe lo kgaotswe, le letsogo la gagwe le robilwe,â go bua Jehofa.
26âMo tagiseng; gonne o na a ikgodisetsa Jehofa; Moabe o tlaa bidikama mo matlhatseng a gagwe, mme le ene o tlaa bolaisa ditshego.
27Ka gonne a Iseraele o ne a sa go bolaise ditshego? A o ne a fitlhelwa mo magodung? Gonne ya tle e re o bua ka ga gagwe, wa bo o tle o nne o tshikinye tlhogo.
28âLona banni ba Moabe, tlogelang metse, lo ye go nna mo lefikeng; lo nne jaaka letseba le le agang setlhaga sa lone mo ditlhakoreng tsa molomo wa logaga.
29Re utlwile ka ga boikgodiso jwa ga Moabe, go re, o boikgodiso thata; boitlotlomatso jwa gagwe, le bodipa jwa gagwe, le bopelompe jwa gagwe.
30Ke a e itse tšhakgalo ya gagwe, go bua Jehofa, go re, ga se sepe; go ipelafatsa ga gagwe ga go ise go dire sepe.
31Ke gone ka moo ke tlaa bokolelelang Moabe; ee, ke tlaa goa ka ga ba Moabe botlhe; ba tlaa hutsafalela banna ba Kireherese.
32Ke tlaa go lelela ka selelo se se fetang sa ga Jasere, wena mofine wa Sibema; menamo ya gago e ne ya kgabaganya lewatle, ya fitlha fela kwa lewatleng la Jasere; mothopi o wetse maungo a gago a letlhabula, le mo difineng tsa gago.
33Boipelo bo tlositswe le boitumelo mo masimong a a ungwang le mo lefatsheng la Moabe; mme ke khutlisitse bojalwa jwa mofine mo dikgatisetsong; ga go na ope yo o tlaa gatang ka tuduetso; tuduetso e tlaa bo e se tuduetso ya sepe.
34âGo tswa kgoong ya HeÅ¡ebone go ya fela kwa Eleale, le go ya fela kwa Jahase, ba tumisitse kodu ya bone, go tswa Soare go ya fela kwa Horonaime, kwa Egelathe-Å¡eleÅ¡iya; gonne le metsi a Nimerime le one a tlaa swafala fela.
35Gape ke tlaa khutlisa mo Moabe ene yo o isang tshupelo mo felong fa go tlotlometseng, le ene yo o fisetsang medimo ya gagwe maswalo, go bua Jehofa.
36âKe gone ka moo pelo ya me e dumang ka ga Moabe jaaka ditlhaka, pelo ya me e duma jaaka ditlhaka ka ga batho ba Kireherese; ke gone ka moo letlotlo le o le bonyeng le nyeletse.
37Gonne tlhogo nngwe le nngwe e logatadima, le ditedu tsotlhe di kgaotswe; mo diatleng tsotlhe go na le ditshegako, le mo dithekeng go letsela la kgetse.
38Mo godimo ga mantlo otlhe a Moabe le mo mebileng ya gone go na le modumo wa khutsafalo ka ntlha tsotlhe fela; gonne ke thubile Moabe jaaka sejana se go senang kgatlhego epe mo go sone,â go bua Jehofa.
39âAna o rutlologile jang? Ba bokolela jang! Moabe o hularetse batho jang ka ditlhong! Jalo Moabe o tlaa nna setshego le seboifiso mo go botlhe ba ba mo tikologong ya gagwe.â
40Gonne Jehofa o bua jaana, a re: âBonang, o tlaa fofa jaaka ntswi yo motona, o tlaa tsharololela Moabe diphuka ka bosula.
41Keriothe o gapilwe, mme dikago tse di thata tsa phemelo di tshoganetswe, le pelo ya diganka tsa Moabe ka motlha oo e tlaa nna jaaka pelo ya mosadi mo metlotseding ya gagwe.
42Moabe o tlaa senngwa gore e se tlhole e le sešaba, ka a ikgodiseditse Jehofa.
43Poifo, le molete, le seru, di mo go wena, wena monni wa Moabe,â go bua Jehofa.
44âYo o tshabang ka poifo o tlaa wela mo moleteng; mme yo o tsogang a tswa mo moleteng o tlaa tshwarwa mo serung; gonne ke tlaa lere mo go ene, e bong mo go Moabe, ngwaga wa tshekiso ya bone,â go bua Jehofa.
45âBa ba tshabileng ba eme ba sena thata mo moriting wa HeÅ¡ebone; gonne go dule molelo mo HeÅ¡ebone, le kgabo mo gare ga Sihone, mme di laitse ntlha ya Moabe, le diphugo tsa ba ba feretlhang.
46A bo go latlhega wena Moabe! Batho ba Kemoše ba latlhegile, gonne bana ba gago ba basimane ba tlositswe ba golegilwe, le bana ba gago ba basetsana ba ile botshwarong.
47âLe fa go ntse jalo ke tlaa ba ke busa botshwaro jwa ga Moabe mo metlheng ya bofelo,â go bua Jehofa. Tshekiso ya Moabe e kalo.