Tswana 1992 Bible - 7 verses
1Lefoko la ga Jehofa le le tsileng mo go Jeremia moperofeti ka ga Bafilisitia, Faro a ise a kgemethe Gasa.
2Jehofa o bua jaana, a re: “Bonang, metsi a hohomoga kwa botsheka, mme a tlaa nna noka e e penologang, e tlaa penologela lefatshe le tsotlhe tse di mo go lone, motse le ba ba agileng mo go one; mme batho ba tlaa goa, le banni botlhe ba lefatshe ba tlaa bokolela.
3Ka ntlha ya modumo wa mesito ya ditlhako tsa dinatla tsa gagwe, le ka ntlha ya mokgwaso wa go taboga ga dikara tsa gagwe, le ka ntlha ya modumo wa maoto a gagwe a dikologa, borra bana ga ba šebele kwa baneng ba bone ka ntlha ya go repa ga mabogo;
4le ka ntlha ya letsatsi le le tlang, la go thopa Bafilisitia botlhe, le go kgaola mo Ture le Sitone mothusi mongwe le mongwe yo o setseng, gonne Jehofa o tlaa thopa Bafilisitia, masalela a setlhake sa Kafetore.
5Logatadima lo wetse ba Gasa; Ašekelone o dirilwe bosengsepe, makhunantshana a molapo wa bone; o tlaa nna o itshegaka ka lobaka lo lo kaye?
6Tshaka ya ga Jehofa we, o tlaa nna lobaka lo lo kaye o ise o tuulale? Itsenye mo kgatleng ya gago; ikhutse, mme o tuulale fela.
7Ana o ka tuulala jang? ka e le fa Jehofa a go neile tiro; ka fa Ašekelone, le ka fa losing lwa lewatle, o e laoletse gone.”