Tswana 1992 Bible - 22 verses
1Ana Morena o khurumeditse jang morwadia Sione ka leru mo bogaleng jwa gagwe! O ntshitse bontle jwa Iseraele mo legodimong a bo latlhela fa fatshe, ga a a gakologelwa sebeo sa gagwe sa dinao mo letsatsing la bogale jwa gagwe.
2Morena o komeditse manno otlhe a ga Jakobe, a se ka a tlhomoga pelo; o digile dikago tse di thata tsa phemelo tsa morwadia Juta mo bogaleng jwa gagwe; o di foloseditse fela fa fatshe, o tlhapaditse bogosi le dikgosana tsa jone.
3O kgaotse dinaka tsotlhe tsa Iseraele mo bogaleng jo bo tukang; o gonne letsogo la gagwe le legolo fa pele ga mmaba; mme o laitse Jakobe jaaka molelo o o tutumang, o o lailang ntlheng tsotlhe.
4O laetse bora jwa gagwe jaaka mmaba, o eme, letsogo la gagwe le legolo le ntse jaaka moganetsi, o bile o bolaile gotlhe mo go neng go eletsega mo matlhong; o goromeditse tšararego ya gagwe jaaka molelo mo mogopeng wa morwadia Sione.
5Morena o fetogile o ntse jaaka mmaba, o komeditse Iseraele; o komeditse matlo otlhe a gagwe a dikgosi, o sentse dikago tsa gagwe tse di thata tsa phemelo, mo go morwadia Juta o ntsifaditse selelo le khutsafalo.
6O tlositse loobo lwa gagwe ka thata, jaaka e ka bo e le lwa tshimo; o sentse felo ga gagwe ga bophuthegelo; Jehofa o dirile gore phuthego e e masisi le sabata di lebalwe mo Sione, mo kgakalong ya bogale jwa gagwe o nyaditse kgosi le moperesiti.
7Morena o itatotse sebeso sa gagwe, o tlhoile felo ga gagwe ga boitshepo, dithako tsa matlo a gagwe a dikgosi o di tsentse mo seatleng sa mmaba; ba tsositse modumo mo ntlong ya ga Jehofa jaaka mo tsatsing la phuthego e e masisi.
8Jehofa o ikaeletse go senya lorako lwa morwadia Sione; o namaladitse thapo, ga a ise a gone seatla sa gagwe mo go senyeng; o dirile gore kago ya phemelo le lorako di hutsafale; di topetege mmogo.
9Ditswalo tsa gagwe di rorometse mo mmung; o sentse o robakile mephakalego ya gagwe. Kgosi ya gagwe le dikgosana tsa gagwe di mo merafeng kwa molao o seyong gone ee, baperofeti ba gagwe ga ba bone ponatshegelo epe e e tswang kwa go Jehofa.
10Bagolwane ba morwadia Sione ba dutse fa fatshe ba didimetse; ba kubuetsa lorole mo tlhogong tsa bone; ba ikokwaetse ka letsela la kgetse. Makgarebane a Jerusalema a ikobela ditlhogo fa fatshe.
11Matlho a me a kalega ka dikeledi, boteng jwa me bo fuduegile, sebete sa me se gorometsegetse fa fatshe, ka ntlha ya tshenyego ya morwadia batho ba me; gonne banyana le ba ba anyang ba ngategela mo mebileng ya motse.
12Ba raya bommaabo, ba re: “Mabele a kae le bojalwa jwa mofine?” Mogang ba ngategang jaaka ba ba tlhabilweng mo mebileng ya motse, mogang mowa wa bone o goromelediwang mo sefubeng sa bommaabo.
13Ke tlaa go supetsa eng? Ke tlaa go tshwantsha le eng, wena morwadia Jerusalema? Ke tlaa go lekanya le eng gore ke tle ke go gomotse, wena morwadia Sione wa kgarebana? Gonne thubego ya gago e kgolo jaaka lewatle; e mang yo o ka go fodisang?
14Baperofeti ba gago ba go bonetse diponatshegelo tsa boithamako le bonyana; mme ga ba ise ba lemoge boikepo jwa gago gore ba tle ba buse botshwaro jwa gago. Ba go bonetse ditao tsa boithamako, le dilo tse di tlaa go lelekang mo lefatsheng.
15Botlhe ba ba fetang ka tsela ba go opanyetsa diatla; ba a otsa, ba thukhuthela morwadia Jerusalema tlhogo ba re: “A ke one motse o batho ba ne ba o bitsa ba re: ‘Bontle jo bo tletseng,’ ba re: ‘Boitumelo jwa lefatshe lotlhe’ ”
16Baba botlhe ba gago ba go atlhamoloseditse molomo; ba a otsa, ba huranya meno ba re: “Re mo komeditse; ruri ke one motlha o re ntseng re o lebeletse; re o fitlhetse, re o bonye.”
17Jehofa o dirile se o se ikaeletseng; o dirafaditse lefoko la gagwe le o le laotseng mo metlheng ya bogologolo; o digile, a sa tlhomoge pelo. O dirile gore mmaba a go jele koma, o goleditse lonaka lwa baba ba gago.
18Pelo ya bone ya goela kwa go Morena; wena lorako lwa morwadia Sione, a dikeledi di elele jaaka noka motshegare le bosigo; o se ka wa inaya lobaka; a nyetse ya leitlho la gago e se khutle.
19Nanoga, o kue mo bosigong, mo tshimologong ya ditebelo; thela pelo ya gago jaaka metsi fa pele ga sefatlhogo sa Morena; mo tsholeletse diatla tsa gago ka ga botshelo jwa banyana ba gago ba bannye, ba ba idibalang ka tlala fa dibaeng tsa mebila yotlhe fela.
20Leba Jehofa, o bone ba o ba diretseng jaana! A basadi ba tlaa ja loumo lwa bone, e bong banyana ba ba akgolwang ka mabogo? A moperesiti le moperofeti ba tlaa bolaelwa mo felong ga boitshepo ga Morena?
21Tshimane le nnakgolo di namaletse fa fatshe mo mebileng; makgarebane a me le makau a me a ole ka tšhaka; o a bolaile mo motlheng wa bogale jwa gago; o bolaile o sa tlhomoge pelo.
22O biditse ditheregiso tsa me mo ntlheng tsotlhe jaaka mo tsatsing la phuthego e e masisi, mme go ne go sa falola le fa e le go sala ope mo motlheng wa bogale jwa ga Jehofa. Ba ke ba akgotseng ka ba otla, mmaba wa me o ba jele o ba supuditse.