Tswana 1992 Bible - 66 verses
1Ke nna monna yo ke bonyeng pogiso ka thupa ya go šakgala ga gagwe.
2O nkgogile, o ntsamaisitse mo lefifing e seng mo leseding.
3Ruri o tlhola a busetsa letsogo la gagwe go tlhabana le nna gangwe le gape motshegare otlhe.
4O onaditse nama ya me le letlalo la me; o robile marapo a me.
5O agile dikago tsa go tlhabana le nna, mme o ntikanyeditse ka mo go galakang le ka tapisego.
6O mpatikile go aga mo mafelong a a lefifi, jaaka ba ba sa bolong go swa.
7O ntsentse gare ka logora, ga ke na go tswela kwa ntle; ketane ya me o e ketefaditse.
8Ee, ya re fa ke goa ke kuela thuso, a tswalele morapelo wa me kwa ntle.
9O kganetse ditsela tsa me ka dithako tsa maje a a betlilweng, o sokamisitse ditsela tsa me.
10Mo go nna o ntse jaaka bera e e laletseng, jaaka tau mo mafelong a boiphitlhelo.
11O fapositse ditsela tsa me, o nkgagogantse; o ntshwafaditse.
12O laetse bora jwa gagwe, o ntlhomile sekonopiwa sa go fulwa ka motswi.
13O tsenyeditse metswi ya mokotlopo wa gagwe mo diphilong tsa me.
14Ke dule setshego mo bathong botlhe ba me, le sefela sa bone motshegare otlhe.
15O ntladitse bogalaka, o ntlopetse ka longana.
16O bile o nthobile meno ka lošagarana, o nkhurumeditse ka melora.
17O tloseditse mowa wa me kgakala le kagiso; ka lebala tlhogonolofalo.
18Ka re: “Thata ya me e nyeletse, le tebelelo ya me mo go Jehofa.”
19Gopola pogisego ya me le manyobonyobo a me, longana le santlhokwe.
20Mowa wa me o sa ntse o di gopotse, mme o obegile mo teng ga me.
21Ke a ikgakolola go mo, mme ke gone ke nang le tsholofelo.
22Fa e bo ne ne re sa nyelediwe jaana ke ka ntlha ya mapelonomi a ga Jehofa, le ka go bo matlhomoga pelo a gagwe a sa tlhaele.
23A ntse maša ka meso le meso; boikanngo jwa gago bo bogolo.
24“Jehofa ke kabelo ya me,” go bua mowa wa me: “ke gone ke tlaa solofelang mo go ene.”
25Jehofa o molemo mo go ba ba mo lebelelang, le mo moweng o o mmatlang.
26Go molemo gore motho a solofele a be a lebelele poloka ya ga Jehofa a iketlile fela.
27Go molemo mo monneng go rwala jokwe mo bokaung jwa gagwe.
28A a dule a le esi, a didimale ka a e beile mo go ene.
29A a beye molomo wa gagwe mo loroleng; e tle e re kgotsa go bo go na le tsholofelo.
30A a neele yo o mo tlhanyang lesama la gagwe; a a tladiwe kgobo, e tlale.
31Gonne Morena ga a ketla a latlhela ruri.
32Gonne le fa a hutsafatsa, o tlaa tlhomoga pelo ka fa bontsing jwa mautlwelobotlhoko a gagwe.
33Gonne ga a bogise ka go rata, le fa e le go hutsafatsa bana ba batho.
34Go gatakela bagolegwi botlhe ba lefatshe,
35go faposa tshiamelo ya monna fa pele ga sefatlhogo sa Mogodimodimo,
36go phetsolela motho mafoko a gagwe, a a sekwang, dilo tse, Morena ga a di rate.
37E mang yo o buang, mme go dirafale, fa Morena a sa laola jalo?
38Mo molomong wa Mogodimodimo a ga go tle go tswe bosula le molemo?
39Ana motho yo o tshedileng o ngongoregelang, e le motho, ka ntlha ya go belediwa dibe tsa gagwe?
40A re kheleiseng re lekeng ditsela tsa rona, re be re sokologele mo go Jehofa.
41A re tsholeletseng Modimo mo magodimong dipelo di na le diatla tsa rona.
42“Re tlodile, re tsuoletse; ga o a re itshwarela.
43“O re khurumeditse ka bogale, wa re konatelela; o bolaile, ga o a tlhomoga pelo.
44O ikhurumeditse ka leru, gore morapelo wa rona o se le phololele.
45O re dirile ra nna jaaka mokgona le se se latlhwang mo gare ga ditšhaba.
46Baba botlhe ba rona ba re atlhamoloseditse melomo.
47Poifo le molete di re tletse, le pheretlho le tshenyo.
48Leitlho la me le elela dinoka tsa metsi, ka ntlha ya tshenyego ya morwadia batho ba me.
49“Leitlho la me le a tsholola, ga le khutle, ga go kgaoge gope.
50Go tsamaye Jehofa a okomele, a lebe a le kwa legodimong.
51Leitlho la me le tlhokofatsa mowa wa me, ka ntlha ya bomorwadia motse wa gaetsho otlhe fela.
52Ba e leng baba ba me fela e seng ka sepe, ba ntelekile mo go botlhoko jaaka nonyane.
53Ba nkgaoletse botshelo mo moleteng, ba latlhetse letlapa godimo ga me.
54Metsi a ne a elela godimo ga tlhogo ya me; ka re: ‘Ke kgaotswe.’
55“Ka bitsa leina la gago Jehofa, ke le mo moleteng o o kwa tengteng.
56O ne wa utlwa lentswe la me; o se ka wa subela phegelo ya me le go goa ga me tsebe.
57O ne wa atamela mo motlheng o ke go biditseng ka one wa re: ‘Se boife.’
58“Morena, o mpueletse mafoko a mowa wa me a tsheko; o rekolotse botshelo jwa me.
59Jehofa, o bonye patikego ya me; a ko o atlhole mafoko a me.
60O bonye pusoloso yotlhe ya bone, le maano otlhe a ba a ntogetseng.
61O utlwile kgobo ya bone, Jehofa, le maano otlhe a ba a ntogetseng;
62le dipounama tsa ba ba ntsogologetseng, le go akanya ga bone ka ga me motshegare otlhe.
63Leba go dula ga bone, le go nanoga ga bone; ke ntse sefela sa bone fela.
64“Jehofa, o tlaa ba naya tuelo ka fa tirong ya diatla tsa bone.
65O tlaa ba naya kgwalalo ya pelo, phutso ya gago e tlaa nna mo go bone.
66O tlaa ba konatelela mo bogaleng, o tlaa ba senyetsa ruri ba tloge fa tlase ga magodimo a ga Jehofa.”