Tswana 1992 Bible - 22 verses
1Jehofa, gakologelwa se se re tletseng; leba, mme o bone kgobo ya rona.
2Boswa jwa rona bo pitikololetswe baeng, matlo a rona a neilwe ba tšhaba di sele.
3Re masiela, re bile re se na borraetsho, bommaarona ba ntse jaaka batlholagadi fela.
4Metsi a rona re a nole ka go a reka ka madi; dikgong tsa rona di rekisiwa mo go rona.
5Bakonatedi ba rona ba mo dithamong tsa rona; re lapile, ga re na boikhutso.
6Re naanye diatla le Baegepeto, le Baasiria, gore re tle re kgore dijo.
7Borraetsho ba leofile, mme ga ba yo; rona re belege maikepo a bone.
8Batlhanka ba a re laola: ga go na ope yo o ka re gololang mo seatleng sa bone.
9Re bona dijo tsa rona re le mo kotlomanong ya polao, ka ntlha ya tšhaka ya naga.
10Letlalo la rona le lentsho jaaka pesetso ka ntlha ya mogote o o fisang wa go bopama.
11Ba beteletse basadi mo Sione, le barweetsana mo metseng ya Juta.
12Dikgosana di ne di pegwa di lepelediwa di akgega ka mabogo a tsone, difatlhogo tsa bagolwane di ne di sa tlotlwe.
13Makau a ne a rwala lolwala, le banyana ba kgokgoetsega ba rwele dikgong.
14Bagolwane ba khutlile mo kgotleng, makau a khutlile mo go opeleng ga one.
15Boitumelo jwa pelo tsa rona bo khutlile; pina ya rona e fetogile bohutsana.
16Serwalo se ole mo tlhogong ya rona. A batho ba bagolo, rona! Gonne re leofile.
17Dipelo tsa rona di idibetse ka ntlha ya mo; matlho a rona a otofala ka ntlha ya dilo tse.
18Ka ntlha ya thaba ya Sione, e e swafetseng; bophokoje ba tsamaya mo go yone fela.
19Wena Jehofa, o ntse ka bosakhutleng; setulo sa gago sa bogosi se ntse mo tshikatshikeng tsotlhe.
20O re lebala ka bosakhutleng ka ntlha yang, o re latlhelang ka lobaka lo lo kanakana?
21Re sokololele kwa go wena, Morena, mme re tlaa bo re sokologile; šafatsa metlha ya rona jaaka bogologolo.
22Mme o ganetse ruri, o re tšararagetse thata.