Tswana 1992 Bible - 32 verses
1Letsang lonaka mo Sione, lo openg mokgosi wa tshoso mo thabeng ya me e e boitshepo; a banni botlhe ba lefatshe ba rorome; gonne motlha wa ga Jehofa o etla, gonne o fa gaufi.
2Motlha wa lefifi le letobo, motlha wa maru le lefifi le le kwenneng, jaaka bosa fa bo sela le dithaba; batho ba ba tšhaba e kgolo e e thata, ga go ise go ke go nne e e tshwanang nabo, le gone ga go ketla go tlhola go nna epe morago ga bone, go ya fela dinyageng tsa dikokomana di le dintsi.
3Molelo o laila fa pele ga bone; fa morago ga bone kgabo e a tuka; lefatshe le ntse jaaka tshimo ya Etene fa pele ga bone, mme morago ga bone ke naga e e swafetseng fela. Ee, ga go na sepe se se falotseng mo go bone.
4Ponalo ya bone e ntse jaaka ponalo ya dipitse; ba bile ba taboga jaaka bapalami ba dipitse.
5Go tlola ga bone go ntse jaaka modumo wa dikara, mo godimo ga dithaba go ntse jaaka modumo wa kgabo ya molelo fa e ja dirite, jaaka batho ba ba thata fa ba abetswe go tlhabana.
6Ditšhaba di mo tlalelong e e mahehe ka ntlha ya bone; difatlhogo tsotlhe di khwatile.
7Ba taboga jaaka batho ba ba nonofileng; ba palama lorako jaaka batlhabani; ba tsamaela gongwe botlhe mo ditseleng tsa bone, ga ba fapaane mo thulaganong ya bone.
8Le gone mongwe ga a kgorometse yo mongwe; ba tsamaela gongwe, mongwe le mongwe mo tseleng ya gagwe, ba sotlhomele mo dibolaong fela ka thata, ga ba kgaogane mo go sepeleng ga bone.
9Ba tlolele mo motseng; ba taboge mo godimo ga lorako; ba palamele mo matlong; ba tsene ka fa diponeng jaaka legodu.
10Lefatshe le reketle fa pele ga bone; magodimo a rorome, letsatsi le fifale le kgwedi, le dinaledi di gonyetse phatsimo ya tsone.
11Jehofa o ntsha lentswe la gagwe fa pele ga ntwa ya gagwe; gonne ntwa ya gagwe e e tlhaolelang e kgolo thata; gonne go thata yo o dirafatsang lefoko la gagwe. Gonne motlha wa ga Jehofa o mogolo, o boitshega thata; mme e mang yo o ka o itshokelang?
12“Le gompieno,” go bua Jehofa, “retologelang mo go nna ka pelo yotlhe, le ka go ikitsa go ja, le ka go lela, le ka go hutsafala.”
13Lo ikgagole dipelo, e seng diaparo, lo retologele mo go Jehofa Modimo wa lona, gonne o pelontle, o tletse bopelotlhomogi, o bonya go galefa, o letlotlo la boutlwelobotlhoko, mme o tle a ikwatlhaele bosula.
14Go itse mang bo ga a ketla a retologa a ikwatlhaya, mme a tlogela tshegofatso, e bong tshupelo ya boupe, le tshupelo e e nowang ya ga Jehofa Modimo wa lona?
15Letsang lonaka mo Sione lo itshepise go ikitsa go ja, kuang phuthego e e masisi;
16phuthang batho, itshepiseng phuthego, phuthang banna bagolo, phuthang banyana, le ba ba anyang mabele. A monyadi a tswe mo ntlwaneng ya gagwe, le monyadwi mo borobalong jwa gagwe.
17A baperesiti, badiredi ba ga Jehofa, ba lele fa gare ga maribela le sebeso, mme a ba re: “Jehofa, rekegela batho ba gago, o se ka wa neela boswa jwa gago kgobong, gore merafe e ba laole; ana ba tlaa bo ba buelang mo ditšhabeng ba re: ‘Modimo wa bone o kae?’ ”
18Foo Jehofa a hufanela lefatshe la gagwe, a tlhomogela batho ba gagwe pelo.
19Jehofa a fetola, a raya batho ba gagwe, a re: “Bonang, ke tlaa lo leretse mabele, le bojalwa jwa mofine, le lookwane, mme lo tlaa di kgora; ga nketla ke tlhola ke lo dira kgobo mo merafeng;
20ke tlaa tlosetsa ntwa ya botsheka kgakala le lona, ke tlaa e lelekela kwa lefatsheng le le sekaka le le le swafetseng, tlhogo ya yone e le mo lewatleng la botlhabatsatsi, le mogatla wa yone o le mo lewatleng la bophirimatsatsi; mme go nkga ga yone go tlaa tlhatloga, le moutlwalo wa yone o o bosula o tlaa tlhatloga, ka ba dirile dilo tse dikgolo.”
21O se ka wa boifa, wena lefatshe, ipele o itumele; gonne Jehofa o dirile dilo tse dikgolo.
22Lo se ka lwa boifa lona diphologolo tsa naga; gonne mafulo a naga a a tlhoga, gonne setlhare se a ungwa, ditlhare tsa mofeige le tsa mafine di ntsha thata ya tsone.
23Ke gone, ipeleng lona bana ba Sione, lo itumele mo go Jehofa Modimo wa lona; gonne o lo naya pula ya sephai ka selekanyo se se siameng, o lo nesetsa pula, pula ya sephai le pula ya kgogolammoko ka kgwedi ya ntlha.
24Dibopi di tlaa tlala mabele, le didibeletso di tlaa penologa bojalwa jwa mofine le lookwane.
25“Ke tlaa lo rebolela tsa dinyaga tse tsie e di jeleng, le boijane, le seboko, le mogokong, ntwa ya me e kgolo e nkileng ka e roma mo go lona.
26Lo tlaa jela mo letlotlong lo kgora, lo tlaa baka leina la ga Jehofa Modimo wa lona, yo o lo diretseng ka kgakgamatso; mme batho ba me ga ba ketla ba tlhajwa ke ditlhong gope.
27Lo tlaa itse fa ke le mo gare ga Iseraele, le go re ke Jehofa Modimo wa lona, mme go bo go se na ope o sele. Mme batho ba me ga ba ketla ba tlhajwa ke ditlhong gope.”
28“Go tlaa dirala morago ga mo, go re ke thele mowa wa me mo bathong botlhe; bana ba lona ba basimane le ba basetsana ba tlaa perofesa, banna bagolo ba lona ba tlaa lora ditoro, makau a lona a tlaa bona diponatshegelo.
29Le mo batlhankeng le mo malateng ke tlaa thela mowa wa me mo metlheng eo.
30Ke tlaa bonatsa dikgakgamatso mo magodimong le mo lefatsheng, madi le molelo, le dithogomosi tsa mosi.
31Letsatsi le tlaa fetolwa lefifi le kgwedi madi, pele motlha o mogolo le o o boitshegang wa ga Jehofa o ise o tle.
32Go tlaa dirala go re, le fa e le mang yo o tlaa bitsang leina la ga Jehofa o tlaa gololwa; gonne mo thabeng ya Sione le mo Jerusalema go tlaa nna ba ba falolang, jaaka Jehofa a buile, le mo masaleleng go tlaa nna bone ba Jehofa o ba bitsang.