Tswana 1992 Bible - 21 verses
1âGonne, bonang, e tlaa re mo metlheng eo, le mo lobakeng loo, mogang ke busang botshwaro jwa Juta le Jerusalema,
2ke tlaa phutha merafe yotlhe, ke tlaa e folosetsa mo molapong wa ga Jehošafate; ke tlaa ganetsanya nabo gone ka ga batho ba me, le ka ga boswa jwa me Baiseraele, ba ba ba faladitseng mo merafeng, mme ba kgaogana lefatshe la me.
3Ba bile ba theletse batho ba me bola; ba ananya seaka ka mosimane, ba reka bojalwa jwa mofine ka ngwana wa mosetsana, gore ba nwe.
4âEe, lo a bo lo le eng mo go nna, lona Ture le Sitone, le mafatshe otlhe a Filisitia? A lo tlaa nnaya tuelo? Fa lo mme ntuela ke tlaa busetsa tuelo ya lona ka bofefo le ka bonako mo tlhogong ya lona.
5E re ka lo tshotse selefera sa me le gouta ya me, mme lo isitse dilo tsa me tse dintle, tse di eletsegang, mo ditempeleng tsa lona;
6le bana ba Juta, le ba Jerusalema lo ba rekisitse mo go bomorwa Bagerika, gore lo ba tlosetse kgakala le molelwane wa bone;
7bonang, ke tlaa ba tsosa ba le kwa lo ba rekiseditseng gone, ke tlaa busetsa tuelo ya lona mo ditlhogong tsa lona:
8Ke tlaa rekisa bana ba lona ba basimane le ba basetsana mo seatleng sa bana ba Juta, mme ba tla ba rekisa mo bathong ba Sheba, mo morafeng o o kwa kgakala; gonne Jehofa o buile.â
9Bolelang selo se mo merafeng; lo baakanyeng ntwa, tsosang diganka, a batlhabani botlhe ba atamele, ba tlhatloge.
10Thulang megoma ya lona ditÅ¡haka, le dithipa tsa lona tsa mabele marumo; a yo o bokoa, a re: âKe thata.â
11Itlhaganeleng, tlang lona merafe yotlhe mo tikologong, phuthegang; Jehofa, folosetsa diganka tsa gago teng.
12A merafe e itsose, e tle kwa molapong wa ga Jehošafate; gonne ke tlaa dula teng ke atlhola merafe yotlhe mo tikologong.
13Tsenyang thipa ya mabele, gonne mabele a budule. Tlang, lo gate; gonne kgatisetso ya bojalwa jwa mofine e tletse; didibeletso di a penologa; gonne boikepo jwa bone bo bogolo.
14A bontsintsi, bontsintsi jwa batho mo molapong wa katlholelo! Gonne motlha wa ga Jehofa o atametse mo molapong wa katlholelo.
15Letsatsi le fifetse, le kgwedi, le dinaledi di gonyetse go phatsima ga tsone.
16Mme Jehofa o tlaa kgaratla a le mo Sione, o tlaa ntsha lentswe a le mo Jerusalema, magodimo a tlaa tlakasela le lefatshe. Mme Jehofa o tlaa nna botshabelo jwa batho ba gagwe, le kago e e thata ya phemelo mo baneng ba Iseraele.
17âJalo lo tlaa itse fa ke le Jehofa Modimo wa lona; ke agile mo Sione, thaba ya me e e boitshepo. Foo Jerusalema o tlaa nna boitshepo, mme ga o ketla o tlhola o ralalwa ke baeng.
18âGo tlaa dirala mo motlheng oo, go re dithaba di tlaa rotha bojalwa jwa mofine jo bo monate, makhubu a tlaa elela maÅ¡i, melatswana yotlhe ya Juta e tlaa elela metsi; le motswedi o tlaa tswa mo ntlong ya ga Jehofa, o nosa mokgatÅ¡ha wa Shitime.
19Egepeto o tlaa nna tshwafalo, le Etome o tlaa nna naga fela e e swafetseng, ka ntlha ya tshenyo e e diretsweng bana ba Juta, ka ba tsholotse madi a a se nang molato mo lefatsheng la bone.
20Juta o tlaa nna ka bosakhutleng, le Jerusalema go ya mo tshikatshikeng.
21Mme ke tlaa tlhapisa madi a bone a ke iseng ke a tlhapise;â gonne Jehofa o agile mo Sione.