Tswana 1992 Bible - 30 verses
1Balaame a raya Balake, a re: “Nkagela fano dibeso di supa, o mpaakanyetse fano dikgongwana di supa, le diphelefu di supa.”
2Balake a dira jaaka Balaame a buile; Balake le Balaame ba isa kgongwana le phelefu tshupelo mo sebesong sengwe le sengwe.
3Balaame a raya Balake a re: “Ema fa tshupelong ya gago e e fisiwang, nna ke tlaa tsamaya; e tlaa re gongwe Jehofa a tle go kopana le nna; le fa e le eng se o se ntshupetsang ke tlaa se go bolelela.” Mme a palama thota e e lobala fela.
4Modimo wa kopana le Balaame, mme a o raya a re: “Ke baakantse dibeso di supa, ke isitse kgongwana le phelefu tshupelo mo sebesong sengwe le sengwe.”
5Jehofa a tsenya lefoko mo molomong wa ga Balaame, a re: “Boela kwa go Balake, o bue nae jaana.”
6A boela kwa go ene, a fitlhela a eme fa tshupelong ya gagwe e e fisiwang, ene le dikgosana tsotlhe tsa Moabe.
7A bua ka setshwantsho sa gagwe a re: “Balake a tswa go ntsaya kwa Arame; kgosi ya Moabe e ntshotse kwa dithabeng tsa botlhabatsatsi, a re: ‘Ntlo, o mphutsetse Jakobe, ntlo, o bopele Iseraele.’
8Ke tlaa hutsa jang ene yo Modimo o sa mo hutsang? Ke tlaa bopela jang ene yo Jehofa a sa mmopelang?
9Gonne ke a mmona ke le mo godimo ga mafika, ke le mo godimo ga dithota ke mo lebile; bona, ke tšhaba e e agileng e le yosi, mme ga e ketla e balelwa mo merafeng.
10E mang yo o ka balang lorole lwa ga Jakobe, kgotsa a bolela palo ya kgaogano ya bone ya Iseraele? A ke swe loso lwa mosiami, mme bokhutlo jwa me bo nne jaaka jwa gagwe!”
11Balake a raya Balaame a re: “O ntiretseng? Ka go tsaya, ka re o tle o mphutsetse baba ba me, mme bona o ba segofaditse gotlhe fela.”
12A mo fetola a re: “A ga ke a na le go tlhokomela go bua fela se Jehofa o se ntsenyang mo molomong?”
13Balake a mo raya, a re: “A ko o ye le nna, re ye kwa felong go sele, kwa o tlaa ba bonang o le teng; o tlaa bona sekhutlo sa bone fela, ga o ketla o ba bona botlhe; o tle o ba mphutsetse o le gone foo.”
14A mo isa kwa setlhabeng sa Sofime, kwa tlhoreng ya Pisega, a aga dibeso di supa teng, a isa kgongwana le phelefu tshupelo mo sebesong sengwe le sengwe.
15A raya Balake, a re: “Ema fano fa tshupelong ya gago e e fisiwang, ka ke sa ya go kopana le Jehofa fale.”
16Jehofa a kopana le Balaame, a tsenya lefoko mo molomong wa gagwe, a re: “Boela kwa go Balake, o bue jaana.”
17A tla kwa go ene, a fitlhela a eme fa tshupelong ya gagwe e e fisiwang, le dikgosana tsa Moabe di na nae. Balake a mo raya a re: “Jehofa o buileng?”
18A bua ka setshwantsho sa gagwe a re: “Ema Balake o utlwe, o ntheetse wena morwa Sipore:
19Modimo ga se motho yo o ka akang, le gone ga se morwa motho yo o ka ikwatlhayang; kgotsa, a o buile, mme a ga o ketla o se dira? Kgotsa a o ntshitse lentswe, ga o ketla o le tlhomamisa?
20Bona, ke neilwe taolo ya gore ke segofatse; one o segofaditse, mme nna ga nkake ka fetola.
21Ga o a bona boikepo mo go Jakobe le gone ga o a bona bokgopo mo go Iseraele; Jehofa Modimo wa gagwe o na nae, lošalaba lwa kgosi lo mo go bone.
22Modimo o ba ntsha mo Egepeto; o na le thata ekete ya nare.
23Ruri Jakobe ga a na mereo, Iseraele ga a na ditaola; jaanong go tlaa buiwa ka ga Jakobe le Iseraele go twe: ‘Ana Modimo o dirileng!’
24Bona, tšhaba e, e nanoga jaaka tau e namagadi, le jaaka tau e tona, e ikgogomosa jalo; ga e ketla e robala e ise e je thopo, e ise e nwe madi a ba ba bolailweng.”
25Balake a raya Balaame, a re: “O se ka wa ba hutsa gope, le gone o se ka wa ba segofatsa gope.”
26Balaame a fetola a raya Balake, a re: “A ga ke a go bolelela ka re: Gotlhe mo Jehofa o go buang, ke na le go go dira fela?”
27Balake a raya Balaame, a re: “Ntlo, ke tlaa go isa kwa felong go sele, e tlaa re gongwe go kgatlhe Modimo gore o ba mphutsetse o le gone foo.”
28Balake a isa Balaame kwa tlhoreng ya Peore e e okameng sekaka.
29Balaame a raya Balake, a re: “Nkagela fano dibeso di supa, o mpaakanyetse fano dikgongwana di supa le diphelefu di supa.”
30Balake a dira jaaka Balaame a buile, a isa kgongwana le phelefu tshupelo mo sebesong sengwe le sengwe.