Tswana 1992 Bible - 25 verses
1E rile Balaame a bona fa go kgatlhile Jehofa go segofatsa Iseraele, ga a ka a ya go kopana le mereo jaaka ka metlha e mengwe, mme a leba fela kwa nageng.
2Balaame a tsholetsa matlho, a bona Baiseraele ba ntse ka fa ditsong tsa bone, mme mowa wa Modimo wa tla mo go ene.
3A bua ka setshwantsho sa gagwe, a re: “Balaame morwa Beore, a re: Monna yo leitlho la gagwe le ne le buduletse, a re:
4Go bua ene yo o utlwang mafoko a Modimo, yo o bonang ponatshego ya Mothatayotlhe, ka a wela fa fatshe mme a budulogile matlho a re:
5A bo megope ya gago Jakobe e le mentle! e bong metlaagana ya gago Iseraele!
6E aname jaaka melapo, jaaka masimo fa losing lwa noka, jaaka makgophana a Jehofa o a tlhomileng, jaaka ditlhare tsa masetara fa metsing.
7Metsi a tlaa ela a tswa mo dinkgwaneng tsa gagwe, le dipeo tsa gagwe di tlaa nna mo metsing a le mantsi, kgosi ya gagwe e tlaa goletsega go feta Agage, bogosi jwa gagwe bo tlaa nna bogolo.
8Modimo wa mo ntsha mo Egepeto; o na le thata ekete ya nare; o tlaa ja a swetsa merafe e e leng baganetsi ba gagwe, o tlaa robakanya marapo a yone, a e phololetse ka metswi ya gagwe.
9A namalala, a robala jaaka tau le jaaka tau e namagadi; e mang yo o tlaa mo tsosang? Go sego mongwe le mongwe yo o go segofatsang; go hutsegile mongwe le mongwe yo o go hutsang.”
10Bogale jwa ga Balake jwa tukela Balaame, mme a opanya diatla tsa gagwe. Balake a raya Balaame, a re: “Ke go biditse ka re o tle go hutsa baba ba me, bona, o ba segofaditse fela ka dipaka tse tharo tse.
11Ke gone jaanong tshabela kwa ga gago; ke rile ke tlaa go godisetsa kwa tlotlong e kgolo; bona, Jehofa o go kganetse, gore o se bone tlotlo.”
12Balaame a raya Balake a re: “A ga ke a bua le bone barongwa ba gago, ba o ba romileng kwa go nna, ka re:
13‘Le fa Balake a ka nnaya ntlo ya gagwe e tletse selefera le gouta, ga nkake ka tlola lefoko la ga Jehofa, go dira molemo le fa e le bosula ka mogopolo wa me fela, le gore se Jehofa o se buang, ke sone se ke tlaa se buang’?
14“Jaanong, bona, ke ya kwa bathong ba gaetsho; ntlo, ke tlaa go kakanyetsa se batho ba, ba tlaa se direlang batho ba gaeno mo metlheng ya bofelo.”
15A bua ka setshwantsho sa gagwe, a re: “Balaame morwa Beore, a re: “Monna yo leitlho la gagwe le ne le buduletse, a re:
16Go bua ene yo o utlwang mafoko a Modimo, a itse kitso ya Mothatayotlhe, yo o bonang ponatshegelo ya Mothatayotlhe, a wela fa fatshe, matlho a gagwe a budulogile, a re:
17Ke a mmona, e seng jaanong; ke mo lebile, mme e seng gaufi; go tlaa tswa naledi mo go Jakobe, le thobane ya bogosi e tlaa tsoga e tswa mo go Iseraele; e tlaa phololetsa dikgokgotsho tsa Moabe, e diga bana botlhe ba pheretlho.
18Etome e tlaa nna thuo, le Seire, ba e neng e le baba ba gagwe, e tlaa nna thuo; Iseraele ene a sa ntse a dira ka bopelokgale.
19Bogosi bo tlaa newa mongwe yo o tswang mo go Jakobe, o tlaa senya masalela a a mo metseng!”
20A leba Amaleke, a bua ka setshwantsho sa gagwe, a re: “Amaleke e ne e le wa ntlha mo merafeng; bokhutlo jwa gagwe e tlaa nna tshenyego.”
21A leba Mokene, a bua ka setshwantsho sa gagwe, a re: “Boago jwa gago bo thata, le setlhaga sa gago se tlhomilwe mo lefikeng.
22Le fa go ntse jalo Kaine o tla kgakgabadiwa, go tsamaye Ašure a go ise botshwarong.”
23A bua ka setshwantsho sa gagwe, a re: “Ao, e mang yo o tlaa tshelang fa Modimo o dira seo se?
24Dikepe di tlaa tswa kwa losing lwa Kitime, di tlaa patika Ašure, di tlaa patika Ebere, mme le ene o tlaa ya tshenyegong.”
25Balaame a nanoga a ya a boela kwa ga gagwe, Balake le ene a tsamaya.