Tswana 1992 Bible - 52 verses
1âLona magodimo, sekegang tsebe, mme ke tlaa bua; a lefatshe le utlwe mafoko a molomo wa me.
2Thuto ya me e tlaa rotha jaaka pula, puo ya me e tlaa wa jaaka monyo; jaaka pula ya medupe mo loremeng, le jaaka pula ya maebana mo morogong;
3gonne ke tlaa opela leina la ga Jehofa mokgosi; kayang Modimo wa rona bogolo.
4Lefika, tiro ya gagwe e itekanetse; gonne ditsela tsa gagwe tsotlhe ke tshiamiso; Modimo o o boikanngo, o o se nang tshiamololo, one o tekatekanyo, o tshiamo.
5Ba o ipodiseditse, ga se bana ba gagwe, ke setshubaba mo go bone; ke losika lo lo logwadi, lo lo kgopo.
6A lo a bo lo duel Jehofa jalo, batho ke lona ba dieleele? A ga se ene rraago yo o go rekileng? O go dirile a ba a go tlhomamisa.
7Ikgakolole malatsi a bogologolo, gopola dinyaga tsa dikokomana di le dintsi; botsa rraago, o tlaa go tlhotlhela; bagolwane ba gago, ba tlaa go bolelela.
8E rile Mgodimodimo a abela merafe boswa jwa yone, ka a kgaoganya bana ba batho, a tlhomela ditšhaba melelwane ka fa palong ya bana ba Iseraele.
9Gonne kabelo ya ga Jehofa ke batho ba gagwe; Jakobe ke kabo e e lekantsweng ya boswa jwa gagwe.
10O mo fitlhetse mo lefatsheng le le sekaka, mo nageng e e bobidibidi fela, e e dumadumang; a mo dikanyetsa, a mo disa, a mo direla jaaka nyetse ya leitlho la gagwe.
11Jaaka ntswi yo motona yo o tleng a fudue setlhaga sa gagwe a bokabokele mo godimo ga mamphorwana a gagwe, ene a ba tsharololele diphuka tsa gagwe, a ba tsaya, a ba rwala mo diphukeng tsa gagwe;
12Jehofa a le esi a ba goga, go se na modimo ope wa seeng nae.
13A mo palamisa mafelong a a godimo a lefatshe, a ja totafalo ya naga; a mo ntshetsa dinotshe mo lefikeng, le lookwane mo lefikeng la legakwa.
14Madila a dikgomo le maši a dinku a na le mafura a dikwanyana, le diphelefu tsa losika lwa Bašane le dipodi di na le mafura a diphilo tsa mabele; ka madi a loungo lwa mofine wa nwa bojalwa.
15Mme Ješurune a nona, a raga; o nonne, o enne, o borethe; foo a latlha Modimo o o mo dirileng, a kobela tlase lefika la poloko ya gagwe.
16Ba ne ba tlhotlheletsa lefufa la one ka medimo ya seeng, ba o gakatsa ka tse di makgapha.
17Ba ne ba isetsa badimo ditlhabelo, ba e neng e se Modimo ope, e le medimo e ba neng ba sa e itse, medimo e e sa tswang go tlhaga, e borra ba lona ba ne ba sa e tshabe.
18Lefika le le go tsetseng o le tlhokomologile, o lebetse Modimo o o go belegeng.
19Jehofa a go bona, a ba ferogela sebete ka ntlha ya kgakatso ya bomorwawe le bomorwadie.
20A re: Ke tlaa ba subela sefatlhogo sa me, ke tlaa bona gore bokhutlo jwa bone e tlaa nna eng; gonne ke losika lo lo lesoko, bana ba ba se nang boikanngo.
21Ba nkhufantse ka se e seng Modimo; ba nkgakaditse ka maithamako a bone; le nna ke tlaa ba tlhotlheletsa lefufa ka ba e seng tšhaba; ke tlaa ba gakatsa ka morafe o o seeleele.
22Gonne molelo o tshubilwe mo bogaleng jwa me, o fisetsa kwa moleteng o o kwa tengteng, o laila lefatshe le totafalo ya lone, o tshuba metheo ya dithaba.
23Ke tlaa koelela masula mo go bone; ke tlaa feletsa metswi ya me mo go bone.
24Ba tlaa fediwa ke tlala, ba tlaa rungwa ke mogote o o tutumang, le tshenyego e e galakang; ke tlaa ba tsosetsa meno a dibatana, le botlhoko jwa dilelemedi tsa lorole.
25Kwa ntle tšhaka e tlaa thopa, mme mo matlwaneng a a kwa teng therego; go tlaa senya wa lekau le wa kgarebane, seanyi le monna yo mmududu.
26Ke rile: Ke tlaa ba gasamisetsa kwa kgakala, ke khutlisa kgakologelo ya bone mo bathong.
27Fa nkabo ke ne ke sa boife kgakatso ya mmaba, e tle e re kgotsa baganetsi ba bone ba gopola ka go sele, e se re kgotsa ba re: Go tsholetsegile letsogo la rona, mme selo se sotlhe fela Jehofa ga a a se dira.
28Gonne ke morafe o o se nang kgakololo, ga go na tlhaloganyo mo go bone.
29A bo ba ka bo ba ne ba le botlhale, mme ba tlhalogantse se, ba ka bo ne ne ba akanya bokhutlo jwa bone!
30Ana a le mongwe fela o ne a tlaa leleka jang ba ba makgolo a some, le ba le babedi ba tshabisa ba ba makgolo a lekgolo fa Lefika wa bone a ka bo a se ka a ba rekisa, le fa Jehofa a se ka a ba neelela?
31Gonne lefika la bone ga le a nna jaaka Lefika wa rona, le e leng bone baba ba rona ka bosi e le baatlhodi.
32Gonne mofine wa bone ke wa mofine wa Sotoma, wa matlhagare a Gomora; loungo lwa bone lwa mofine ke loungo lo lo mogau, le masitlha a bone ke a a galakang.
33Bojalwa jwa bone jwa mofine ke botlhoko jwa dikgogela, ke botlhoko jo bo bolalome jwa dišaušawane.
34Selo se, a ga se a bewa mo polokelong fa go nna, se kaneletswe mo mahumong a me?
35Pusoloso ke ya me, le tefetso, mo lobakeng lo lonao lwa bone lo tlaa relelang ka lone; gonne letsatsi la thekisego ya bone le gaufi, le dilo tse di nang le go ba wela di tlaa akofa.
36Gonne Jehofa o tlaa atlhola batho ba gagwe, o tlaa ikwatlhaya ka ga batlhanka ba gagwe mogang o bonang fa thata ya bone e ile, mme go se na ope yo o setseng, le fa e le yo o tswaletsweng kgotsa yo o lesiwang a itsamaela fela.
37O tlaa re: Medimo ya bone e fa kae, e bong lefika le ba ne ba le ikantse;
38e e jeleng mafura a ditlhabelo tsa bone, ya nwa bojalwa jwa mofine jwa bone jwa tshupelo e e nowang. A e nanoge e lo thuse, e nne phemelo ya lona.
39Bonang jaana, fa e le Nna one, e bong Nna, mme go se na Modimo ope le nna; ke a bolaya, ke bile ke a tshedisa; ke ntshitse ntho, ke bile ke a fodisa; ga go na ope yo o ka gololang mo seatleng sa me.
40Gonne ke tsholeletsa letsogo la me legodimong, ke re, jaaka ke tshela ka bosakhutleng,
41fa ke lootsa tšhaka ya me e e šadiang, fa letsogo la me le tshwara katlholo; ke tlaa ipusolosetsa mo babeng ba me, ke itefetsa mo go bone ba ba nkilang.
42Metswi ya me ke tlaa e tagisa ka madi, tšhaka ya me e tlaa ja nama; ka madi a ba ba bolailweng, le a batshwarwa, a a tswang tlhogong ya magosana a mmaba.
43Lona merafe, itumeleng le batho ba gagwe; gonne o tlaa lefetsa madi a batlhanka ba gagwe, o tlaa iposolosetsa mo babeng ba gagwe, mme o tlaa direla lefatshe la gagwe, le batho ba gagwe, tefololo.â
44Moše a tla, a bua mafoko otlhe a sefela se mo ditsebeng tsa batho, ene, le Hošea morwa Nune.
45Moše a wetsa mafoko otlhe a go a bua le Baiseraele botlhe.
46A ba raya, a re: âTlhomang dipelo tsa lona mo mafokong otlhe a molao o, a ke lo a itsiseng gompieno, go tla lo a bolelela bana ba lona go a dirafatsa.
47Gonne ga se lefela mo go lona; ka ke botshelo jwa lona, mme lo tlaa lelefatsa malatsi a lona ka sone selo se mo lefatsheng le lo kgabaganyang Joretane lo ya kwa go lone go le rua.â
48Jehofa a bua le Moše ka lone letsatsi leo, a re:
49âTlhatloga thaba e ya Abarime, o ye thabeng ya Nebo, e e mo lefatsheng la Moabe, e e lebaganyeng le Jeriko; mme o bone lefatshe le Kanana, le ke le nayang bana ba Iseraele go le rua.
50O swele gone mo thabeng e o e tlhatlogang, o phuthelwe kwa bathong ba gaeno; jaaka Arone mogoloo a ne a swela mo thabeng ya Hore, a phuthelwa bathong ba ga gabo.
51Gonne lo no lwa nteofela mo gare ga bana ba Iseraele fa metsing a Meriba wa Kateše, mo nageng ya Tsine; gonne lo ne lo se kwa lwa intshepisa mo gare ga bana ba Iseraele.
52Ka jalo o tlaa bona lefatshe fa pele ga gago; mme ga o ketla o ya gone mo lefatsheng le ke le nayang bana ba Iseraele.â