Tswana 1992 Bible - 29 verses
1E ke yone tshegofatso e Moše monna wa Modimo o ne a segofatsa bana ba Iseraele ka yone, pele ga loso lwa gagwe.
2A re: âJehofa o ne a tswa kwa Sinai, a ba tlhabela a tswa mo Seire, a phatsima a betlama a le mo thabeng ya Parane, a bo a tswa mo makgolong a makgolo mantsi a baitshepi, ka fa ntlheng ya gagwe ya letsogo le legolo ga bo go le molao o o ba tutumelang molelo.
3Ee, o a di rata ditšhaba, Baitshepi ba gagwe botlhe ba mo seatleng sa gago; ba ne ba dula fa dinaong tsa gago; mongwe le mongwe o tlaa amogela mafoko a gago.
4Moše o ne a re laolela molao, e le boswa jwa phuthego ya ga Jakobe.
5Ene e ne e le kgosi mo Ješurune, ka ditlhogo tsa batho di phuthwa, ditsho tsotlhe tsa Iseraele di le mmogo.
6A Rubene a tshele a se ka a swa; le fa go ntse jalo a batho ba gagwe ba nne babotlana.â
7E ke yone tshegofatso ya ga Juta, a re: âJehofa, utlwa lentswe la ga Juta, o mo lere mo bathong ba ga gabo; o ne a itwela ka mabogo a gagwe, wena o tlaa nna thuso go mo tlhabantsha le baba ba gagwe.â
8Ka ga Lefi, a re: âThumime wa gago, le Urime wa gago ba na le ene yo o mo ratang, ene yo o ne wa mo leka kwa Masa, yo o ne wa ganela nae kwa metsing a Meriba.
9Yo o ne a bua ka ga rraagwe, a re: âGa ke a mmona,â le ka ga mmaagwe; le gone ga a ka a re bomorwa rraagwe ke bomangmang; le gone ga a ka a itse ba e leng bana ba gagwe, gonne ba tlhokometse lefoko la gago, ba tshegeditse kgolagano ya gago.
10Ba tlaa ruta Jakobe dikatlholo tsa gago, le Iseraele molao wa gago; ba tlaa baya maswalo fa pele ga gago, le tshupelo e e fisiwang e le mmogo mo sebesong sa gago.
11Jehofa, segofatsa dithoto tsa gagwe, o amogele tiro ya diatla tsa gagwe; ba ba mo tsogologelang o phololetse lotheka lwa bone, le lwa ba ba mo ilang, gore ba se ka ba tlhola ba ema.â
12Ka ga Benjamine, a re: âMoratwa wa ga Jehofa o tlaa aga mo polokegong fa go ene; o tlhola o mmipile motshegare otlhe, o ntse fa gare ga magetla a gagwe.â
13Ka ga Josefe, a re: âA lefatshe la gagwe le segofadiwe ke Jehofa, ka dilo tse di tlhokegang tsa legodimo, ka monyo, le ka boteng jo bo namaletseng kwa tlase,
14le ka dilo tse di tlhokegang tsa loungo lwa letsatsi, ka dilo tse di tlhokegang tse di golang le dikgwedi,
15le ka dilo tse di tlhophegileng tsa dithaba tsa bogologolo jo bo feteletseng, ka dilo tse di tlhokegang tsa makhubu a a sa yeng kae.
16Le ka dilo tse di tlhokegang tsa lefatshe le botlalo jwa lone, le bopelo e monate jwa gagwe yo o ne a agile mo setlhareng, a tshegofatso e tle mo tlhogong ya ga Josefe, le mo phogong ya gagwe yo o ne a lomologanye le bomorwa rraagwe.
17Leitibolo la kgomo ya pholo ya gagwe, borena ke jwa gagwe; dinaka tsa gagwe ke dinaka tsa nare; o tlaa fegolela ka tsone ditÅ¡haba tsotlhe fela, e bong dikhutlo tsa lefatshe, bone ke ba makgolo a makgolo, a ba ga Eferaime, le makgolo a makgolo a ba ga Manase.â
18Ka ga Sebulone, a re: âItumele wena Sebulone, iumele mo go bololeng ga gago; le wena Isakare mo megopeng ya gago.
19Ba tlaa biletsa ditÅ¡haba kwa thabeng; ba tlaa isa ditlhabelo tsa tshiamo gone; gonne ba tlaa anya letlotlo la mawatle, le mahumo a a fitlhegileng a moÅ¡awa.â
20Ka ga Gate, a re: âA go segofale yo o atlhamolosang Gate; o agile jaaka tau e namagadi, o gagola letsogo, ee, le yona phogo.
21Kabelo ya ntlha a e ikgethela, gonne go ne go beilwe kabelo ya motlhoma molao gone; mme a tla le ditlhogo tsa batho a diratsa tshiamiso ya ga Jehofa, le dikatlholo tsa gagwe le Iseraele.â
22Ka ga Dane, a re: âDane ke ngwana wa tau, yo o tlolang a tswa kwa BaÅ¡ane.â
23Ka ga Nafetali, a re: âWena Nafetali, yo o kgotsheng letlhogonolo, le yo o tletseng tshegofatso ya ga Jehofa, o rue ntlha ya bophirimatsatsi le borwa.â
24Ka ga AÅ¡ere, a re: âA AÅ¡ere a segofale ka bana, a lebosegele bomorwa rraagwe, a ine lonao lwa gagwe mo lookwaneng.
25Ditlhako tsa gago di tlaa nna tshipi le kgotlho; mme fela jaaka malatsi a gago a ntse, thata ya gago e tlaa nna fela jalo.
26Ješurune! ga go ope yo o tshwanang le Modimo o o palamelang magodimo go go thusa, le ka tlotlomalo ya one mo loaping.
27Modimo wa bosakhutleng ke boago jwa gago mme ka fa tlase ga mabogo a a sa yeng kae, o ne wa leleka, wa kgarametsa mmaba, fa pele ga gago, a ba a re: Senya.
28Iseraele o agile mo polokegong, motswedi wa ga Jakobe o osi mo lefatsheng la mabele le bojalwa jwa mofine; ee, magodimo a gagwe a wa monyo.
29A bo o le sego wena Iseraele! E mang yo o tshwanang nao, e le tÅ¡haba e e bolokwang ke Jehofa, thebe ya thuso ya gago, yo o bileng a le tÅ¡haka ya borena jwa gago! Baba ba gago ba tlaa go ineela; mme o tlaa gata mafelo a a tlotlometseng a bone.â