Tswana 1992 Bible - 43 verses
1Jaana ga dirala e rile Atoni-seteke kgosi ya Jerusalema a utlwa fa JoĆĄua a thopile Ai, a bile a o senyeditse ruri; jaaka a diretse Jeriko le kgosi ya teng, a direla jalo Ai le kgosi ya gone; le jaaka banni ba Gibeone ba dirile kagiso le Iseraele, ba bile ba ntse mo go bone,
2ba boifa thata, gonne Gibeone e ne e le motse o mogolo, o ntse jaaka mongwe wa metse ya segosi, le ka gonne o ne o feta Ai, le banna botlhe ba gone e ne e le diganka fela.
3Ke gone ka moo Atoni-seteke kgosi ya Jerusalema a roma kwa go Hohame kgosi ya Heberone, le kwa go Pirame kgosi ya Jaremuthe, le kwa go Jafia kgosi ya LakiĆĄe, le kwa go Debire kgosi ya Egelone, a re:
4âTlang kwano go nna lo nthuse, re yeng go kgemetha Gibeone; gonne o dirile kagiso le JoĆĄua le bana ba Iseraele.â
5Ke gone ka moo dikgosi tse tlhano tsa Baamore, e bong kgosi ya Jerusalema, le kgosi ya Heberone, le kgosi ya Jaremuthe, le kgosi ya LakiĆĄe, le kgosi ya Egelone, tsa phuthega, tsa bolola le dintwa tsotlhe tsa tsone, tsa ya tsa thibelela Gibeone, tsa o tlhasela.
6Banna ba Gibeone ba roma kwa go JoĆĄua kwa bothibelelong jwa Gilegale, ba re: âO se ka wa repisa letsogo la gago mo batlhakeng ba gago, o re itlhaganelele, o tle go re golola, le go re thusa, gonne dikgosi tsotlhe tsa Baamore, tse di agileng mo lefatsheng la makgabana, di re phuthegetse go tlhabana le rona.â
7JoĆĄua a tlhatloga mo Gilegale, ene le batho botlhe ba ntwa nae, le diganka tsotlhe tse di pelokgale.
8Jehofa a raya JoĆĄua a re: âO se ka wa boifa, gonne ke ba tsentse mo seatleng sa gago; ga go ketla go ema motho ope wa bone fa pele ga gago.â
9Ke gone JoĆĄua a ba wela ka tshoganetso ka a letse a tsamaya bosigo jotlhe a tswa Gilegale.
10Jehofa a ba feretlha fa pele ga Iseraele, a ba bolaya ka polao e kgolo kwa Gibeone, a ba konatelela ka tsela ya botlhatlogo jwa Bethehorone, a ba kgemetha go ya go fitlha kwa Aseka le kwa Maketa.
11Ga dirala, ya re ka ba tshaba fa pele ga Iseraele, ka ba le mo phologong ya Bethehorone, Jehofa a ba usetsa maje a magolo a tswa legodimong go ya go fitlha kwa Aseka, mme ba swa. Ba ba suleng ka sefako ba nna bantsi go feta ba bana ba Iseraele ba ba bolaileng ka tĆĄhaka.
12Foo JoĆĄua a bua le Jehofa ka tsatsi le Jehofa o neetseng Baamore mo seatleng sa bana ba Iseraele ka lone, a bua mo ponong ya Iseraele, a re: âWena Letsatsi, sisibala godimo ga Gibeone, le wena Kgwedi mo molapong wa Aijalone.â
13Letsatsi la sisibala, le kgwedi ya ema, ga tsamaya morafe wa ipusolotsetsa baba ba one. Moo, a ga go a kwalwa mo lokwalong lwa ga JaĆĄare? Letsatsi la ema gare ga legodimo, le se ka la itlhaganelela go phirima e ka ne e le ka tsatsi lotlhe fela.
14Go ne go se na letsatsi lepe le le tshwanang le leo gope, pele ga lone le fa e le morago ga lone, le Jehofa o reeditseng lentswe la motho ka lone, gonne Jehofa o ne a tlhabanela Iseraele.
15JoĆĄua a boela kwa bothibelelong kwa Gilegale, a na le Baiseraele botlhe.
16Dikgosi tse tlhano tseo tsa tshaba, tsa ya tsa iphitlha mo logageng lo lo kwa Maketa.
17Mme ga bolelelwa JoĆĄua ga twe: âDikgosi tse tlhano di bonywe di iphitlhile mo logageng kwa Maketa.â
18Mme JoĆĄua a re: âHidikololelang maje a magolo mo molomong wa logaga, mme lo beye banna fa go lone go di lebelela;
19mme lona lo se ka lwa diega; lo konatelele baba ba lona, lo bo lo bolaye ba ba fa moraga mo go bone; lo se ka lwa ba leseletsa ba tsena mo metseng ya bone, gonne Jehofa Modimo wa lona o ba tsentse mo diatleng tsa lona.â
20Ga dirala ya re JoĆĄua le bana ba Iseraele ba sena go wetsa go ba bolaya ka polao e kgolo thata, ga tsamaya ba fela, le masalela a a setseng a ne a tsenye mo metseng e e thekeleditsweng,
21batho botlhe ba boela kwa go JoĆĄua mo bothibelelong kwa Maketa ka kagiso, go se na ope yo o ka lelenyetsang bana ba Iseraele loleme lwa gagwe.
22Foo JoĆĄua a re: âThibololang molomo wa logaga, lo ntshetse dikgosi tseo tse tlhano kwa ntle, di tle kwano go nna.â
23Ba dira jalo, ba mo ntshetsa dikgosi tseo tse tlhano mo logageng, kgosi ya Jerusalema, le kgosi ya Heberone, le kgosi ya Jaremuthe, le kgosi ya LakiĆĄe le kgosi ya Egelone.
24Ga dirala ya re ba ntsheditse dikgosi tseo kwa go JoĆĄua, JoĆĄua a bitsa banna botlhe ba Iseraele, a raya ditlhogo tsa banna ba ntwa ba o ne a tsamaile nabo, a re: âAtamelang lo beye dinao tsa lona mo dithamong tsa dikgosi tse.â Ba atamela ba baya dinao tsa bone mo dithamong tsa tsone.
25Mme JoĆĄua a ba raya a re: âLo se ka lwa boifa, le fa e le go tseana; lo nne thata le pelokgale, gonne Jehofa o tlaa direla baba botlhe ba lona jalo, ba lo tlhabanang nabo.â
26Morago ga moo JoĆĄua a di bolaya, a di otlela, a di pega mo ditlhareng di le tlhano; tsa tlhola di lepeletse mo ditlhareng go ya maitseboeng.
27Ga dirala ya re letsatsi le ya phirimong, JoĆĄua a laola, gore ba di pagolole mo ditlhareng, ba di latlhela mo logageng lo di ne di iphitlhile mo go lone, ba baya maje a magolo fa molomong wa logaga, nako e sa le eno.
28JoĆĄua a thopa motse wa Maketa ka tsatsi leo, a o kgemetha ka bojetla jwa tĆĄhaka, le kgosi ya one; a ba senyetsa ruri le mewa yotlhe e e mo go one, ga a ka a tlogela ope; a direla kgosi ya Maketa jaaka a ne a diretse kgosi ya Jeriko.
29JoĆĄua a tswa mo Maketa, a na le Baiseraele botlhe, ba fetela kwa Libena, mme ba tlhasela Libena.
30Le one Jehofa a o tsenya mo atleng sa Iseraele, le kgosi ya one; a o kgemetha ka bojetla jwa tĆĄhaka, le batho botlhe ba ba mo go one; ga a a ka a tlogela ope mo go one; a direla kgosi ya one jaaka a ne a diretse kgosi ya Jeriko.
31JoĆĄua a tswa mo Libena, a na le Baiseraele botlhe, ba fetela kwa LakiĆĄe, ba o thibelela, ba o tlhasela;
32Jehofa a tsenya LakiĆĄe mo seatleng sa Iseraele, a o thopa ka tsatsi la bobedi, a o kgemetha ka bojetla jwa tĆĄhaka, le batho botlhe ba ba mo go one, jaaka tsotlhe tse o ne a di diretse Libena.
33Foo Horame kgosi ya Gesere a tla go thusa LakiĆĄe; JoĆĄua a mo kgemetha le batho ba gagwe, ga tsamaya a se ka a mo tlogelela ope.
34JoĆĄua a tswa mo LakiĆĄe, a na le Baiseraele botlhe, ba fetela kwa Egelone; ba o thibelela, ba o tlhasela;
35ba o thopa ka tsatsi leo, ba o kgemetha ka bojetla jwa tĆĄhaka, mme batho botlhe ba ba mo go one a ba senyetsa ruri ka tsatsi leo, jaaka tsotlhe tse o ne a di diretse LakiĆĄe.
36JoĆĄua a tswa mo Egelone, le Baiseraele botlhe ba na nae, ba ya Heberone, ba o tlhasela;
37ba o thopa, ba o kgemetha ka bojetla jwa tĆĄhaka, le kgosi ya one, le metse yotlhe ya one, le batho botlhe ba ba mo go one; ga a ka a tlogela ope, jaaka tsotlhe tse o ne a di diretse Egelone, a o senyetsa ruri, le batho botlhe ba ba mo go one.
38JoĆĄua a boela kwa Debire, a na le Baiseraele botlhe; ba o tlhasela,
39mme a thopa, le kgosi ya one, le metse yotlhe ya one; ba e kgemetha ka bojetla jwa tĆĄhaka, ba senyetsa ruri batho botlhe ba ba mo go yone; ga a ka a tlogela ope: jaaka a ne a diretse Heberone, a direla Debire jalo, le kgosi ya one; le jaaka a diretse Libena, le kgosi ya one.
40Jalo JoĆĄua a gailela ruri lefatshe lotlhe la makgabana, le la borwa, le la sekhuti, le la meripo, le dikgosi tsotlhe tsa gone; ga a ka a tlogela ope; a senyetsa ruri botlhe ba ba hemang mowa, jaaka Jehofa Modimo wa Iseeraele a laotse.
41JoĆĄua a ba kgemetha go tswa KateĆĄe-barenea go ya fela kwa Gasa, le lefatshe lotlhe la GoĆĄene, go ya fela kwa Gibeone.
42Dikgosi tse tsotlhe le mafatshe a tsone, JoĆĄua a di thopa ka lobaka lo le longwe fela, gonne Jehofa Modimo wa Iseraele o ne a tlhabanela Iseraele.
43JoĆĄua a boela kwa bothibelelong kwa Gilegale, a na le Baiseraele botlhe.